Breaking News

Ba abetse ba-na-le bogole dimpho

24 Aug 2014

E rile bosheng kwa Paje, ba-na-le bogole ba le babedi, Mme Boitshwarelo Mmopa wa molwala tlhaloganyo le Boineelo Tsalayabotshelo wa motlhoka pono ba abelwa dimpho.

Molomaganyi wa mokgatlho wa ba-na-le bogole kwa Serowe, Mme Punnie Koloi o tlhalositse fa mogolwane wa marekisetso a Serowe Maxi Save, Rre Mahbub – Alam a ne a ikopanya le ene go mmatlela ba-na-le bogole go ba thusa ka a na le keletso ya go dira jalo. 

Mme Koloi o tlhalositse fa bana ba ba simolotse go amogela dithuso ngwaga o o fetileng ka Sedimonthole, a bolela gore pele ba ne ba ba thusa ka melora, morago ba ba fa dijo.

Fa a ntsha la gagwe, Rre Mahbub - Alam a re o bone go tshwanela go thusa ba-na-le bogole ka go sena ka fa ba ka itirelang ka teng ntswa le bone ba na le matlhoko e bile ba tshwanetse go a fitlhelela. Rre Alam o tlhalositse fa a dumela gore go thusa motho go tshwanetse ga tswa mo boteng ja pelo ka go bo tshegofatso ya teng e tlaa tswa kwa Modimong.

O tsweletse a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go tswelela a thusa ba-na-le bogole e bile a batla gore mo isagong a bo a okeditse palo ya ba a ba thusang kwa Paje.

O boletse gore o lekola bana ba gangwe le gape go bona ka fa seemo sa bone se fetogileng ka teng. Mme Koloi a re go bo a tlhophile bana ba, o bone ekete ba-na-le bogole ba Paje ga ba bone dithuso sentle ba tlhokomologilwe fela. 

A re ba ikaelela go thusa bana ba gore ba seka ba tlelwa ke mowa wa boitlhobogo e bile ba ipone e le batho fela jaaka mongwe le mongwe. O tlhalositse gore ga se gore ba felela fela kwa Paje mme ba tlaa tswelela ba thusa mo dikgaolong tse  dingwe. 

E rile a amogela dimpho mo boemong ja ngwana, mmagwe Boitshwarelo a tlhalosa fa botshelo bo ne bo le bokete pele ba bona thuso, mme jaanong bo tlhofofetse ka Modimo o ba tsiseditse baithaopi ba ba mo imolotseng morwalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : SEROWE

Event : Kabo dimpho

Date : 24 Aug 2014