Breaking News

Balaodi ba tshwanetse go dirisana le dikomiti

24 Aug 2014

Mogokaganyi wa ofisi ya ditogamano tsa puso kwa lephateng la selegae le ditlhabololo tsa dikgaolo Rre Lewis Malikongwa o gwetlhile balaodi ba dikgaolo tsa bokone go tshwaragana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse (VDC).

Rre Malikongwa o buile seo kwa bokopanong jwa botlhano jwa dikomiti tsa tokafatso maduo tsa bokone (Work Improvement Teams) (WITS) jo bo neng bo tshwaretswe kwa Maun ka bosheng.

A re balaodi ba tshwanetse go lomagana le baeteledipele ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse gore ba nne le kitso e e ka itumedisang batho ba ba tlhokang ditirelo mo dikhanseleng.

Rre Malikongwa o gwethile badirelapuso go fetola ditlhaloganyo le dikakanyo tsa bone gore ba dire tiro ka natla.

“Re tshwanetse go fetola maitsholo a rona mme re beye matlhoko a batho pele, re tshwanetse go lebala ka borona go fa batho ditirelo,” o tlhalositse jalo.

Rre Malikongwa o ne a supa gore bodirelapuso bo teng ka jalo batho ba ba tlhokang ditirelo, ba tshwanetse go thusiwa sentle ka dinako tsotlhe.

Rre Malikongwa o ne a akgola ba Khansele ya Bokone Bophirima, a re go supa fa ba gatetse pele ka lenaneo leo la go bereka ka ditlhopa, ka go supafetse fa ba na le mananeo a masha le tshwaragano le maphata a mangwe. E rile a amogela ba tsenelela bokopano mothusa Kgosikgolo ya Batawana Rre Bringle Dithapo a re go botlhokwa go tokafatsa maduo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontl

Location : MAUN

Event : Bokopano

Date : 24 Aug 2014