Tona o kopa balemi go tlhabologa
24 Aug 2014
Tona wa Papadi le Madirelo Mme Dorcas Makgato-Malesu o kopile balemi go tsena mo seemong sa gore ba bule madirelo ka tse ba di robileng mo temong ya bone.
A re balemi ga ba a tshwanela go akanyetsa go lema fela ba jela mo ganong kana ba rekisa thobo ya bone mme ba tshwanetse ba akanyetse go bula madirelo go dira tse di farologaneng ka tse ba di robileng.
O boletse fa go na le dijwalo di le mokawana tse balemi ba ka di lemang mme ba felele ba ipuletse dikgwebo ka tsone.
Mme Makgato-Malesu o ne a bua jalo kwa moletlong wa go lebogela temo ya ngwaga wa 2013/14 ka Labotlhano kwa kgotleng ya Malete kwa motseng wa Tumasera.
A re dijo di tshwana le marotse, magapu, mabele le mmidi ke dijo tse balemi ba ka di lemang ba di lemela go ya go di tsenya kwa madirelong a bone go dira tse di farologaneng ka tsone.
O ne a tlhalosa fa balemi ba ka dirisa dijo di tshwana le marotse le magapu go dira jeme. A re molemi o ka dirisa dijo tse dingwe tse a di robileng di tshwana le mmidi le dinawa go dira motswako wa dijo tsa leruo.
Mme Makgato-Malesu o ne a kopa balemi go ikgobokanya mme ba kope dithuso tsa madi mo mananeong a puso go bula madirelo.
O ne a akgola balemi ba metse ya Tumasera le Seleka go bo ba tsweletse ka go tsaya dikgakololo di tshwana le tsa go lema ka ditselana tsia.
A re nako e gorogile ya go tsena mo temong e e tlhabologileng go bona dipoelo.
A re balemi bangwe fa ba gakololwa ke puso go lema ka ditselana ba bolela fa ba sena diterekere, ka jalo a re ditonki le tsone di ka dirisiwa go lema ka ditselana ka bangwe ba balemi ba na le tsone.
Mme Makgato-Malesu o boletse fa mo ngwageng wa 2013/14 wa temo lefatshe leno le okeditse temo go menagane mme fa balemi ba ne ba lemile ka ditselana botlhe temo e kabo e oketsegile thatha thata.
O tsweletse a re balemi ba tshwanetse ba leke gotlhe mo ba ka go kgonang go dira dipoelo tse di fetang madi a puso e a dirisang mo go ba lemeleng ka fa go sa nne jalo itsholelo ya lefatshe leno e ka wela tlase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Moletlo wa go lebogela temo
Date : 24 Aug 2014