Mananeo a puso a hema Batswana
24 Aug 2014
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tlokweng, Rre Ranko Tatedi o boletse fa go le botlhokwa gore batho ba sole mananeo a puso e thusang Batswana ka one molemo.
E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng, Rre Tatedi a re mananeo a a teng a tlhametswe go thusa Batswana le ntswa banana ba le boitseme go tsaya karolo mo go one.
O tlhalositse fa banana ba ba neng ba dirile maiteko a go tsaya mananeo a phutlhame mme a supa fa bothata jwa bangwe e le gore fa ba bone dipoelo go na le go ya go reka dithoto tse ba di dirisang gape, ba reka bojalwa mme seo se ba tlogele ba sena le fa e le sepe go tsweledisa dikgwebo tsa bone.
Rre Tatedi o tlhalositse fa go ka nna molemo fa banana ba ne ba ka rutiwa botsipa jwa go tlhokomela gammogo le go tsamaisa dikgwebo tse di potlana gore fa ba tsere mananeo ba itse go tsamaisa dikgwebo tsa bone sentle le go somarela dipoelo tse ba di bonang.
O boletse fa banana ba sa eletse go itirela ka diatla tsa bone, a re mme fa ba ne ba ka ema ka dinao ba nna tlhaga go dira dikgwebo, ba ne ba ka ijesa gammogo le go thapa ba bangwe mo dikgwebong tsa bone.
O tlhalositse fa ditshingwana tsa merogo ka bontsi di digilwe ke gore morafe o lela ka letlhoko la metsi ka jalo mo nakong eno ba ise ba leme ba emetse pula gore e ne.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Tatedi o boletse fa ditlhabololo mo motseng di dirwa go lebeletswe seemo sa motse.
O boletse fa batlhoki ba le bantsi mo motseng ka jalo go sa kgonege gore ba ka thusiwa botlhe nako e le nngwe mme go nna go tlhophiwa mo go bone go ba fa dithuso.
A re bosheng jaana batlhoki ba le lesome le boroba bongwe ba ne ba abelwa diromamowa.
Rre Tatedi o boletse fa dithulaganyo tse komiti ya gagwe e tshwaraganeng le tsone e le go agela batsadi ba ba nang le letlhoko, matlo a boitiketso e le tsela nngwe ya go tsenya letsogo mo go thuseng setshaba.
O boletse fa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Tlokwa East e ikaelela gore pele ba wetsa dingwaga tsa bone ba le mo komiting ba bo ba setse ba feditse go aga leobo, ofisi, ntlwana ya baeng le ntlo ya boapeelo kwa kgotleng ya Lesunyaneng ka go sena dikago ka jalo go sena fa kgosana a direlang teng fa dipula di na.
O boletse fa komiti ya gagwe e nna e buisa diphuthego go ruta morafe ka se e se dirang le botlhokwa jwa yone, a tlhalosa gore nako e ntsi ba thusa go rulaganyetsa meletlo e akaretsa wa boipuso mme e bile ba bereka mmogo le kgosi kgolo.
O tlhalositse fa komiti gape e tlhokomela motse le ntswa e sa atswiwe ka madi a a kalokalo, e le go direla morafe ka lorato.
Rre Tatedi o tlhalositse fa komiti eo e sena diofisi tse e direlang mo go tsone mo nakong eno mme ba kopanela kwa ntlong lehalahala ya motse, ka jalo a re go botlhokwa gore e akanyediwe ka diofisi gore e kgone go kopana sentle le go thusa morafe sentle le ka nako.
O rotloeditse morafe go tsena diphuthego le mediro kwa kgotleng ka seo se ka ba thusa go tsaya melaetsa ya botlhokwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Letshelaphala
Location : TLOKWENG
Event : Potsolotso
Date : 24 Aug 2014