Go rena lodula kwa Grootlaagte
24 Aug 2014
Go bolelwa fa borukutlhi bo nyeletse kwa motseng wa Grootlaagte fa e sale molao wa bojalwa o simolodisiwa, mo go kayang gore bojalwa e ne e le jone bo rotloetsang borukutlhi mo motseng oo.
Mogolwane wa mapodise a motse oo, Sergeant Ditiro Kejele mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, o boletse gore melato e ne e le teng, mme e se e metona ka e le ya matlhapa le go tlhoka kutlwisisano fa batho ba sena go nwa bojalwa jwa Setswana.
A re nako eo go ne go na le mapodise a le mabedi fela mme mo nakong eno ba lesome le boferabobedi mme e bile ba okeditswe ke mapodise a a ithaopileng.
Sergeant Kejele o boletse gore fa e sale ngwaga o simologa go nnile le molato o le mongwe fela wa bogodu jwa leruo, a supa fa tota o ba wetse fela gonne ba nnile le molato wa teng la bofelo ka 2009.
A re go tlhoka go nna teng ga borukutlhi mo motseng wa Grootlaagte ke ka gonne go na le tirisano mmogo gareng ga mapodise, baithaopi, ba ntebele ke go lebele le morafe ka kakaretso.
O tsweletse a re tshwaragano ya bone le morafe e bakile gore ba tseye maemo a ntlha mo kgaolong ya Ghanzi mo go lwantsheng borukutlhi.
A re motse wa bone le ya Xabo, D’Kar, Kuke, West Hanai, East Hanahai le Chobokwane di ntse le kgaisano e e neng e ba lopa go tlhalosa ditsela tse ba di dirisang go lwantsha borukutlhi.
O boletse fa ba kgonne go tsaya maemo a ntlha ka jaana ba na le ditsela di le mmalwa tse di ba thusang go lwantsha borukutlhi di akaretsa komiti ya ntebele ke go lebele, go akaretsa morafe mo go lwantsheng borukutlhi, go tshwara diphuthego tsa kgotla, go akaretsa bommasepoto mo ntweng kgatlhanong le borukutlhi le gone go tlhongwa ga komiti e e itebaganyang le go kganela bogodu jwa leruo mo motseng.
O tsweletse a rotloetsa mafelo a mangwe go tlhoma dikomiti tse di tlaa thusang go lwantsha borukutlhi mo metseng ya bone, a supa fa di le botlhokwa fela thata ka jaana di aga boitshwaro jo bo siameng mo motseng.
O tlhalositse gore ga se gore ga gona borukutlhi kwa Grootlaagte, kgang ke gore ba bo emetse ka dinao gore bo seka jwa nna teng.
A re go botlhokwa gape go netefatsa gore setshaba se rutiwa go lwantsha borukutlhi go simolola fela ka bana ba dikole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dinah Johane
Location : GHANZI
Event : Potsolotso
Date : 24 Aug 2014