Breaking News

Phokoje go tshela yo o dithetsenyana

24 Aug 2014

E re ka banana ba lefatshe leno ba aperwe ke letlhoko la ditiro, bangwe ba tshwana le Mme Lenna Madule ga ba a thuba kobo segole mme ba semeletse mo go betleng bokamoso le gone go tsisa pharologanyo mo matshelong a bone ka go dirisa ditalente tsa bone.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Madule yo o tlholegang kwa  Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng o bolela fa a simolotse kgwebo ya Takatokwane Hair Salon ka 2012, e e itebagantseng le go loga le go ntlafatsa moriri, morago ga go tlhoka go dira sentle kwa sekoleng, mme a tshwanelwa ke go loga leano go itshetsa. 

A re o ne a ikopanya le makalana a tsa madi go kopa dithuso mme a seka a atlega, mme a felela a thapiwa ke madirelo mangwe a go dira moriri kwa Letlhakeng  ya bo e le gone jaaka a bone sebaka sa go itshimololela kgwebo ya gagwe.

Mme Madule wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa  a  re o ne a kokotletsa lemmenyana kgwedi le kgwedi gore a ithekele didirisiwa tsa kgwebo ka a  ne a na le  toro ya go nna le madirelo a gagwe.  

Ditoro tsa mme yoo di fetogile nnete ka o kgonne go ithekela didirisiwa tse di tlhokafalang mo madirelong a go dira moriri e bile mo nakong eno o ipelafatsa ka go bo a tlhametse banana ba le babedi ditiro. 

A  re e re le ntswa gone a ise a tsenelele dithuto dipe tsa go dira moriri, mme gone bareki ga ba kgale kwa madirelong a gagwe ka jaana a godile a na le talente ya go dira moriri. A re o tlaa ikopanya le ba ofisi ya banana go mo isa dithutong gore a tsabakele le go feta.

Mme Madule a re go dirisa diatla tsa gagwe go tsisitse pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe, ka a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe e bile o dumela fa kgwebo ya gagwe e tla gola ka morafe wa Takatokwane o itumelela ditirelo tsa gagwe.  

O gwetlha balekane ba gagwe go tlhaloganya fa thuto e se yone fela e e ka betlelang motho bokamoso, ka jaana Modimo a abetse mongwe le mongwe mo go farologaneng. Monana yo, o tlhalosa fa katlego ya gagwe e ikaegile ka bopelo-telele le lerato. 

A re kgwebo ya gagwe le yone e na le dikgwetlho fela jaaka dikgwebo tse dingwe, a supa fa go tlhaelelwa ke didirisiwa le lefelo le a direlang mo go lone gammogo le madi a go reka ditsompelo ele dingwe tse di mo tshwenyang,  mme fela a re ga di mo kgobe marapo ka a dira tiro e ka lorato e bile a iketeile sehuba go godisa kgwebo ya gagwe. 

O tsweletse a re o eletsa go ipona a na le lefelo le a direlang mo go lone, e bile a tlhametse banana ba le bantsi ditiro ka ba aperwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro.

O supile fa a utlwisiwa botlhoko ke go bona banana ba ntse moriti o tsididi ntswa bangwe ba na le talente le bokgoni go itirela ka diatla. 

A re fa banana ba ka emisa mokgwa wa go inyatsa, mme ba ema ka dinao go itirela, lefatshe leno le ka fitlhelela toro ya lone ya go bona le nyeleditse lehuma le gone go tokafatsa matshelo a Batswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 24 Aug 2014