Ba Morwa ba tshegeditse tebelopele
24 Aug 2014
E re ka lefatshe leno le saletswe ke dingwaga di le pedi gore tebelopele ya setshaba ya 2016 e tle bokhutlong, Batswana mo metseng ka go farologana ba tsweletse ka go diragatsa le go tshela dipilara tsa tebelopele e.
Mo maitekong a go rotloetsa morafe go tsaya karolo mo go rurifatseng gore e re ka 2016 lefatshe leno le bo le fitlheletse matshego otlhe ka bosupa, metse mengwe ya kgaolo ya Kgatleng e akaretsa Morwa, Pilane, Bokaa, Rasesa le Malotwane e tsene mo kgaisanong go bona gore ke bafe ba ba tshelang e bile ba diragatsa lengwe la matshego a.
Mo potsolotsong le BOPA, kgosi ya motse wa Morwa, Rre Masisi Ntshole o boletse fa ba ikaeletse go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tshegetsa matshego a Tebelopele ya 2016 mme ba dira jaana ba tshwaragane le metse e e mabapi. A re kgaisano eo, e ba saleng ba e simolotse dingwaga tse tlhano tse di fetileng, e ba thusa go lemoga le go ikala gore ba tsamaya fa kae go ya kwa 2016.
Kgosi Ntshole o boletse gore mo gaMorwa ba eme ka dinao go nna le seabe mo go tsheleng matshego a mme sengwe sa dilo tse ba di dirileng ke go simolola tshingwana ya merogo morago ga go nna moriti le komiti ya motse ya ditlhabololo. A re maikaelelo a yone ke go thusa bagodi le ba-na-le bogole go itshetsa mme morafe ka kakaretso o na le seabe mo tirong eo.
O supile fa ba kopane le ba kereke ya Dutch Reformed teng mo motseng wa Morwa go ba thusa mme ba ba tswa matshidiso ka go ba abela P40 000 yo ba tla mo dirisang go simolodisa tiro ya bone.
O lebogile kereke eo go nna le seabe mo go tokafatseng matshelo a batho, a supa gore ba kgonne go teratelela tshingwana eo e bile go setse go agilwe ntlo ya bobeelo mo lefelong leo. Kgosi Ntshole a re tiro e ke ya morafe mme ba tshwanetse go e tshwaraganela botlhe gore e atlege.
A re sebe sa phiri ke gore ga se botlhe ba ba emeng ka dinao go tsaya karolo gonne ba simolotse ba le 35 mme palo e wetse tlase kwa go 17, seo se supa fa morafe o goga dinao.
O supile gore mo kgaisanong e, e le ba motse wa Morwa, ga ba ise ba tseye maemo a a kwa tlase ga boraro mme go supa maikaelelo a bone a go tshela le go tshegetsa matshego a Tebelopele ya 2016. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 24 Aug 2014