Breaking News

Kgokelo ya motlakase e a nametsa

24 Aug 2014

Kgaolo ya Bokone Botlhaba e tsweletse ka go dira sentle mo maitekong a go gokela motlakase mo dikagong tsa puso di akaretsa dikole, dikgotla le dikokelwana.

Modulasetilo wa khansele eo, Rre City Kealotswe fa a simolodisa phuthego ya khansele mo Masunga bosheng o tlhalositse fa go solofetswe gore tiro ya go gokela motlakase kwa dikoleng tsa metse ya Matopi, Ditladi, Kgari, Tshesebe, Butale, Mabudzani, Kalakamati le Sekakangwe e bo e wetse fa Lwetse a ya fifing.

O boletse fa matlo a baoki kwa metseng ya Butale le Mowana a setse a goketswe motlakase, mme a mabedi a metse ya Sechele le Botalaotse a santse a emetse tshekatsheko ya Botswana Power Corporation.

Modulasetilo Rre Kealotswe o iteetse puso legofi go bo e tseetse kwa godimo thulaganyo ya kgokelo ya motlakase le ntshafatso ya dikago le ntswa e mekamekane le mokgweleo wa dikgwetlho tse di bakilweng ke kwelotlase ya itsholelo. 

Go sale foo, Rre Kealotswe o tsibositse makhanselara ka tlhagogo ya bolwetse jwa Ebola kwa mafatsheng a a kwa borwa jwa Aferika a bo a gwetlha badiri ba lephata la botsogo go ema ka dinao go tlhaba setshaba podi-matseba ka bolwetse jo. 

A re go botlhokwa gore batho ba tlhaloganye segolo bogolo dikai tsa jone gore ba kgone go bo tsibogela ka bofefo fa bo ka tlhagoga mo lefatsheng leno.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Kealotswe o tlhalositse gore go setse go isitswe baithaopi ba lenaneo la Tirelo Setshaba ba le makgolo a matlhano masome a robabobedi le bobedi kwa maphateng a a farologaneng mo kgaolong. 

O tlhalositse gore mme fa e sale lenaneo leo le simolodisiwa, baithaopi ba tswa mo go lone ka dipalo tse di kwa godimo, mo godimo ga moo dituelo tsa baithaopi di tla morago e bile maina a baithaopi bangwe o fitlhela a sa akarediwa mo thulaganyong ya go amogela dikatso. 

Go sale foo, o tlhaloseditse makhanselara fa ithutuntsho ya baithaopi ba lenaneo leo e rulaganyeditswe go tshwarwa pele kgwedi eno e wela go ba suga ka ditsamaiso tsa lenaneo leo.

Fa a itebaganya le tshenyo ya diphologolo mo masimong, Rre Kealotswe o boletse fa monongwaga go sa nna le mathata ape a a kalo fa e se fela go senngwa ga terata le dijwalo mo masimong a mabedi kwa motseng wa Sekakangwe mme a supa fa balemi ba ba amegileng ba setse ba amogetse madi a phimolo keledi.

Modulasetilo a re o tshwenngwa ke gore batho bangwe ba thaisa diphologolo ka diterata e bile ba di tsoma ka dintsa. 

O tsweletse a re le fa go le dingalo go tshwara ba ba dirang jaana, lephata la diphologolo le makgabisa naga le tsile ka maano a go laola seemo se a akaretsa go baya tikologo leitlho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Aug 2014