Lehuma le gogela banana mo thaelong
21 Aug 2014
Banana ba kgothaditswe go tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo gore ba kgone go intsha mo lehumeng le mo nakong eno e leng kgwetlho mo go bone lefatshe ka bophara.
Fa a bua kwa bokopanong jwa banana kwa Palapye bosheng, rakonteraka e e agang maemelo a dipalamo kwa motseng oo ya Modi Construction, Rre Batsetswe Masisi a re lehuma ke kgwetlho e e ka nyeletsang lefatshe fa e sa lwantshiwe ka tlhwaafalo ka le dira gore banana ba ineele mo dilong tse di borai jaaka tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang le bogodu.
A re le fa ba ka amiwa ke lehuma ba seka ba itlhoboga ba leke go le lwantsha bogolo jang ka gore puso e ba lekela bojotlhe go ba direla mananeo a ba ka a dirisang go tlhama ditiro le go thusa ba bangwe.
O supile fa kompone ya gagwe e thusa thata mo go thapeng banana, e re morago e tlhophe ba ba dirang ka natla e ba ise dikoleng go ya go ithutela ditiro tse ba eletsang go di dira.
Rre Masisi a re le ene o tlaa tsaya kgato mo go tsamaeng a gakolola boradikonteraka ba bangwe go tlhoafalela thuto ya go dirisa sekausu le gore ba di abele babereki ba bone ka dinako tsotlhe.
O kopile bodiredi ja dikonteraka go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS gore ba nne ba itse seemo sa bone dinako tsotlhe.
O lebogile banana ba Palapye go bo ba tsweletse le lenaneo la itshidilo mmele a supa fa le le botlhokwa thata mo botsogong jwa bone.
Monana wa moithaopi, Mme Gogontlejang Phaladi o kgothaditse banana ka ene go sireletsa seriti sa bone sa bonana ka go ithuta go dirisa mafoko a a tshwanetseng fa ba bua le bagolo le go apara diaparo tse di sa fatlheng.
O tsweletse a tlhalosa fa boitsholo le dilo tsa sesha gammogo le botsala di bolaya boleng jwa banana ka go ba ntsha mo tseleng.
A re ba tshwanetse ba itsheka tsheka gore a ditsela tse ba di itlhophetseng tsa botshelo e tla a re isago di ba ise golo gongwe kana di ba gogela mo bosuleng.
Mme Phaladi a re monana yo o tsogang a na le bokamoso jo bo tlhapileng o itshupa ka ditiro fa a sale monnye gonne gole gantsi o gola e le motho yo o ditlhong a na le tlotlo, maitseo le setho sa gagwe e le se se eletsegang mo matlhong a setshaba.
O tlhaloseditse banana gore tiro ya go ithaopa e mosola thata ka gore Modimo oa go tsholetsa a go isa kwa mankalenkaleng ka gobo o dira tiro ya bopelotlhomogi.
O tsweletse a supa fa seo e le tiro e e seng motlhofo fa o simolola go e dira ka gore go nna le ba ba nyatsang e bile ba kgala mme fa o dira ka lorato ga o ka ke wa kgobega marapo
Mogokaganyi wa lenaneo la twantsho bolwetse ja HIV/AIDS, Rre Calliscul Jakalas o tlhalositse fa dipalo tsa mogare di ya kwa tlase le kwa godimo mo mafelong ka go farologana ka jalo go supa gore maikaelelo a puso a gore ka 2016 lefatshe leno le bo le itekanetse a tlaa folotsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selina Samson
Location : PALAPYE
Event : Bokopano jwa banana
Date : 21 Aug 2014