Bakhurutshe ba dumalana seelo sa bogadi
21 Aug 2014
E rile bosheng Bakhurutshe kwa Tonota ba dumalana gore seelo sa bogadi mo morafeng wa bone ke dikgomo di ferabobedi mme ga go reye gore fa motho a sa kgone go ntsha dikgomo di ferabobedi a seka a nyala go raya fela gore go itsiwe gore motho o felela fa kae fa a ntsha bogadi.
Fa a bua mo phuthegong kwa kgotleng kgolo ya Tonota, Kgosi Ramosenyi Radipitse o tlhalositse gore go goleng ga gagwe o fitlhetse seelo sa bogadi e le dikgomo tse pedi mme tsa nna tsa tsholetsega le dingwaga go fitlhelela di tshwara borataro mme a supa fa a eletsa gore Bakhurutshe ba ka tswelela ka seelo sone seo sa borataro.
E ne e rile go le pele banni ba ntsha maikutlo a bone, Rre Kedumetse Selogelo a dumalana le palo ya borataro a tlhalosa fa nyalo e le botsalano e seng papadi ka jalo a bolela gore ene o dumela fa palo nngwe le nngwe ya dikgomo e siame.
Kgosi Pogiso Sekoko ene o tlhalositse gore go nne le seelo mme e bile se seka sa farologana le sa merafe e mengwe.
E ntse e le mo phuthegong eo, morafe o ne wa amogana megopolo ka nako ya go jesa letlhaka.
E rile a tswa la gagwe, Rre Lekopanye Moreri a tlhalosa fa ene a bona go le botoka gore kgosi e nne ene a rebolang batho go bulela leruo go ja masalela a thobo mme a supa fa kgwedi ya Phatwe e le yone e e maleba go ka dira jalo.
Rre Kedumetse Selogelo ene o supile fa a sa dumalane le mogopolo wa gore go rebolwe go jesa letlhaka ka a re o tshwenngwa ke gore fa go ka dirwa jalo batho bangwe ba tlaa senya diterata tsa masimo a ba bangwe ba bo ba tsenya leruo la bone gore le je masalela a thobo. Rre Mogae Sebina o boletse gore leruo le jwala mhero ka jalo go le bulela go ja letlhaka nako e le nngwe go ka se berekele bangwe ka ba lema lablab e e sa goleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : TONOTA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Aug 2014