Banni ba ipelela thobo
21 Aug 2014
E ne ya re bosheng banni ba Tsetsebye ba kokoanela kwa kgotleng ya motse oo go ipelela thobo ya monongwaga.
Fa a bua kwa moletlong oo, mogolwane wa ofisi e e itebagantseng le dijalo mo lephateng la temo thuo, Rre Galesite Ramokapane o kopile banni go tlhwaafalela temo gore lefatshe la Botswana le lone e nne lengwe la a a kgonang go itirela dijo.
O tsweletse a kgothatsa bagolo go tsibogela temo fa mebele ya bone e santse e ikutlwa, a bo a gakolola banana go tsaya karolo mo temong segolo jang fa ba paletswe ke go tswelela le dithuto.
Rre Ramokapane a re ntswa phetogo ya loapi le diji e le dingwe tsa dikgwetlho tse di itsang temo go nonofa mo lefatsheng leno ka kakaretso, balemi ba seka ba ipona tsapa ba tswelele fela ba leme. Rre Ramokapane o tsweletse a re balemi ba tshwanetse go ithuta go batla mmaraka pele fa ba lema go itsa go senyegelwa ke dijo segolo jang fa thobo e le ntsi jaaka ya monongwaga.
O kopile banni go tswelela ba rapelela pula gonne thapelo ke yone mokwatla wa ditshidi tsotlhe mo lefatsheng.
Fa a latlhela la gagwe, mogolwane wa ofisi ya twantsho diji kwa Serowe, Rre Goemeone Obonye o gakolotse banni go baya thobo ya bone sentle a supa fa e sa tshwanela go bewa fa godimo ga dithaere ka go bo go ka nna motlhofo gore e senyege. Rre Obonye a re balemi ba tshwanetse go simolola go lema le go roba ka nako go itsa gore dijalo tsa bone di babalelwe ke mariga.
Fa a tswa la gagwe, kgosi wa Tsetsebye, Rre Ketlhalefile Gabanamotse a re le ntswa thobo e nnile ntsi monongwaga, mathata a ba nang le one ke letlhoko la mmaraka.
O kopile ba Botswana Agricultural Marketing Board go tla go reka dijo kwa Tsetsebye ka banni ba bone thobo e ntsi fela thata mme a tlhalosa gore fa go ka seke go rekwe dijo kwa go bone, balemi ba ka senyegelwa fela thata ka matlo a tletse ka mmidi, mabele le dinawa.
Kgosi Gabanamotse o kopile maphata a a itebagantseng le go tlhatlhoba dijo go tla go sekaseka boleng jwa kofi e ba e lemang ka o bolela fa morafe wa gagwe o simolotse go lema kofi.
Mongwe wa balemi ba popota ba Tsetsebye, Rre Nathaniel Makgotlho o gakolotse batho ba ba batlang go reka didirisiwa tsa temo kwa ntle ga lefatshe leno go tsaya ditsela tse di maleba gammogo le go itebaganya le maphata a a tshwanetseng go itsa go jewa ntsoma.
Rre Makgotlho o supile dingwe tsa didirisiwa tse a di rekileng kwa lefatsheng la Pakistan jaaka tshukudu ya temo e e bidiwang Fiat le mogoma o o lemang manoko le ditapole mme a bolela fa go reka didirisiwa tsa temo kwa ntle ga Botswana go mo sologetse molemo fela thata ka a kgonne go di bona ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Moletlo wa go ipelela thobo
Date : 21 Aug 2014






