Breaking News

Gaborone o lebogela kago ya matlo

21 Aug 2014

Khamphani ya Image Civil Engineering le khansele potlana ya Mogoditshane-Thamaga di lebogetswe go supa lerato mo batlhoking ka go ba agela matlo a bonno.

E rile a bua kwa kabo semmusong ya matlo a ga Rre Mokgethi Moswang le Mme Difedi Lentswenyane kwa Mmankgodi bosheng, mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Olebile Gaborone a tlhalosa fa  go abela batlhoki go gwetlhiwa ke mowa wa lerato o makgotla oo mabedi a o supileng mo batlhoking ba.

Rre Gaborone a re go botlhokwa thata gore batho ba ba lesego mo botshelong ba lebe letlhoko la ba ba tshelang le bone mme ba ba thuse. O tsweletse a re kopo ya ga tautona ya gore go lebanweng go bonwe fa letlhoko le mathata a leng teng e a diragadiwa. 

O kopile bana ba batsadi ba bone ba abelwang matlo go a tlhokomela ka kitso ya gore ke matlo a batsadi ba bone. A re go ka ngomola pelo gore e re morago ga go abelwa matlo, ba palelwe ke go a tlhokomela le go a somarela.O kopile bana bao gore ba seka ba sutisa batsadi ba bone mo matlong ao gonne a agetswe bone. 

A re matlo a a abelwang batlhoki, bana ba nna mo go one ka e le a batsadi mme ga ba a tshwanela go leka go a ba amoga.

Fa a tswa la gagwe, Rre Moswang o supile fa a phophoma ka boitumelo a bo a tlhalosa fa a ntse a kokonelwa ke go tlhoka ntlo. Mme Lentswenyana  le ene o kaile fa a itumeletse go abelwa ntlo mme a bolela fa a kopa Modimo go okeletsa ba ba mo duleng thuso.

Ntlo ya ga Rre Moswang e agilwe ke ba kompone ya Image Civil Engineering ka P76 000 fa ya ga Mme Lentswenyana e agilwe ke ba khansele ka P90 000. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : RAMOTSWA

Event : Kabo semmuso ya matlo

Date : 21 Aug 2014