Ba Khudumelapye ba lebogela tirisano mmogo
21 Aug 2014
Banana ba Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba lebogetse tirisano mmogo le moithaopi wa Peace Corp yo o direlang kwa sekoleng sa motse oo, Mme Aileen Gordy.
Mo potsolotsong bosheng, banana bangwe ba re e re le ntswa a ntse dingwaga tse pedi kwa motseng wa bone, Mme Gordy o tlogela motlhala o o bonalang mo go bone.
Mongwe wa banana, Rre Mogomotsi Tshobo o boletse fa a itumeletse go nna teng ga ga Mme Gordy ka a ne a sa kgetholole ope go sa kgathalesege dithutego le seemo sa gagwe .
O supile fa e le mongwe wa ba ba nnileng lesego go akola dithuto tsa maano a itshetso tse moithaopi yoo a di ba rutileng. O tlhalositse fa ba ithutile go le gontsi mo go ene mme ba tla a sala ba tsweledisa tse ba di ithutileng morago ga khularo ya gagwe.
Fa a tswa la gagwe, Mme Gordy o boletse fa a itumeletse dingwaga tse pedi tse di tla welang ka Phalane tse a di ntseng kwa motseng oo, a bolela fa a ithutile go le go ntsi ka ngwao ya setswana ka go tsenelela meletlo kwa motseng oo.
A re o tlhamile mokgatlho wa Khudumelapye Youth Development o a eletsang gore o sale o tsweledisa fa a tlogelang teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 21 Aug 2014