Kedikilwe o rotloetsa boipelego
21 Aug 2014
Banni ba Mogapinyana ba boleletswe fa semorafe se ka seka sa isa motse wa bone gope mo ditlhabololong jalo ba kopiwa go nna ka kagiso le go lesa go gotlhagotlhana.
Mo diphuthegong tse a tsamayang a di tshwara go laela batho ba kgaolo ya gagwe, mopalamente wa Mmadinare, Dr Ponatshego Kedikilwe o tlhalositse fa sengwe se a se kgonne kwa Mogapinyana ele go ba agisanya jaaka a ba tlogela ba bopagane mme a tlhalosa fa jaanong go le mo maruding a bone go ganana le semorafe se a rileng fa ba sa ikeletlhoko se tla a ba kgaoganya.
Dr Kedikilwe, yo gape e leng Mothusa Tautona, o kopile morafe go bala molao wa bogosi ka kelelelo le go o tlhaloganya, a re seo seka dira gore ba tlhaloganye le go itse ditshwanelo tsa bone le tsamaiso ya bogosi.
Fa a itebaganya le lekgotla la banana la Mogapinyana, o tlhalositse fa go le botlhokwa go itse gore le phutlhamisitswe ke eng le gone gore le ka tsosiwa jang go simolola tiro e ntle e le neng le e dira ya go tlhamela banana ditiro.
O tlhalositse fa ditlhabololo tse, di ne di dirwa ka maikaelelo a go tlhamela banana le morafe mebereko mme di ka tokafatsa matshelo le metse ya bone.
A re metse ya Diloro, Kgagodi le Mogapinyana e akotse dithuso tsa African Development Fund.
Dr Kedikilwe o ba lebogetse go tseela kwa godimo kagelelo ya masimo a bo a ba lekodisa ka tiriso ya metsi a a dirisitsweng mo temong ya nosetso, a supa gore gongwe mangwe a tla a nowa jaaka go dirwa mo mafatsheng a re bapileng le one.
O boletse fa keletso ele gore go nne le kwa ba tla a bonang dithuso teng, jalo a supa fa Maokatumo e tla nna lefelo la ditirelo go ba fokoletsa mosepele wa go ya Palapye.
O boletse gape fa kokelwana ya bone e tla godisiwe fa madi a bonala.
Dr Kedikilwe o tlhalositse fa go le botlhokwa go somarela tse puso e ba di diretseng gore ba bo ba nale se ba se supang mo isagong , a bo a ba kgothatsa go tsaya ka tlhoafalo mananeo a puso e a ntshitseng go tokafatsa matshelo a bone.
Banni ba metse eo ba lebogile mothusa tautona go bo a ne a na le mowa wa tirisano mmogo, lerato le tlhompho ya mongwe le mongwe.
Ba mo abetse dikgomo, dipodi le dikoko go mo lebogela ketelelo pele ya kgaolo mo ngwageng tse di masome mararo.
Fa godimo ga leruo, ba Mogapi ba mo abetse setilo fa bodirela puso jone bo mo file sete ya dipene.
E ne yare morago le ene a fa ba Mogapi le Mogapinyana dikobo di le lesome le kolotsana ya ba-na- le bogole motse mongwe le mongwe, fa kwa Mogapi a ntshitse P5 00.00 ele seabe sa kago ya lebala la setlhopha sa kgwele ya dinao sa Terrors. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 21 Aug 2014