Kgang ya lefatshe e sa ntse e phagetse
20 Aug 2014
E tlaa re Phalane a ya fifing lekgotla la kabo ditsha la Kweneng le ntshe tshwetso mo kgannyeng e mo go yone le kopilweng go tsereganya gore ke mang yo o nang le tshwanelo ya lefatshe le le abetsweng mabitla a kgaolwana ya Ratlhomelang kwa Molepolole fa gare ga khansele ya Mokwena le Rre Clement Kgosiemang.
Modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Moemedi Babitseng o kopile gore lekgotla le fiwe sebaka sa go sekaseka kgang eo le lebile mabaka otlhe a bobedi jo go akarediwa ditlankana tsa dipeo tseo pele le ka rola tshwetso mo letsatsing le le sa bewang la Phalane a ya fifing.
Khansele ya Kweneng mo boemong jwa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya ga Ratlhomelang e kopa ba kabo ditsha go ba tshereganya le Rre Kgosiemang ka setsha sa mabitla se mongwe le mongwe mo bobeding jo a tlhalosang e le sa gagwe.
Rre Kgosiemang o supile ngongorego ya gagwe lantlha ka setsha seo ka 2010 mo a neng a ikuela kwa kgotleng ya ga mmakaseterata ka taelo e e neng ya ntshiwa ke Rre William Modise gore VDC e emise ditlhabololo mo lefelong leo pele kgang e ka rarabololwa.
E rile a ntsha mabaka a tshoboko ya kgang, mmueledi wa khansele, Rre Yamikani Patson a kopa lekgotla go ela tlhoko bosupi jotlhe, a tlhalosa fa Rre Kgosiemang a batla go ikgagapelela lefatshe la morafe le le iseng le abelwe ope ntle le komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa ga Ratlhomelang.
Rre Patson o gatelela gore lekgotla mo tshwetsong ya lone le seka la ikgatholosa mabaka otlhe a a supagetseng a gore kgang ya ga Rre Kgosiemang e ‘matswakabele e bile ga e na boammaaruri bope fa e se fela go ikgagapelela lefatshe la morafe’.
O kopile gore Rre Kgosiemang o amogwe lefatshe lotlhe la kgaolo ya ga Ratlhomelang le go supegang le tsene mo diatleng tsa gagwe ka tsietso le go wetsa ka go thuba ntlo ya gagwe ya bonno e e kwa ntle ga masimo a mabedi a a bolelang fa a a rekile mo go Rre Kgopolo Thipe le Kakanyo Monnaemang.
O latotse ntlha ya gore Rre Kgosiemang o amana ka gope le setsha sa mabitla a a abetsweng morafe wa ga Ratlhomelang, a supa fa se se kaegang e le tsietso e e dirilweng ka go dirisa dipampiri tsa tshimo ya ntlha e Rre Kgosiemang a e rekileng mo go Rre Thipe ka jaana le mohumagadi wa ga Rre Thipe a latotse fa ba kile ba nna le tshimo mo setsheng sa mabitla se Rre Kgosiemang a bolelang e le sa gagwe.
Mmueledi wa ga Rre Kgosiemang, Rre Bugalo Maripe a re lekgotla le tshwanetse go itebaganya le ntlha ya gore khansele e iphetlhela Rre Kgosiemang ka gore ngongorego ya bone e ganetsana le se se mo mokwalong wa kwa tota setsha sa mabitla se leng teng.
Rre Kgosiemang ene ga a bonye ka go supa fa tshimo eo e le ya gagwe e bile a e rekile mo go Rre Thipe yo a sa tlholeng a le botshelong, a supa gore rre yoo abo a ne a sa rerisa mosadi wa gagwe ga se kgang e e ka mo rontshang lefatshe le a dumelang e le la gagwe.
Setlankana sa tshimo e go buiwang ka yone go supega e le sa 1973 mme se supa setlanyo sa lekgotla le le botlana la Molepolole sa 2000 le nomore ya Omang.
E re ntswa Rre Kgosiemang a kopilwe go arabela dipharologanyo tseo, a re le ntswa a tlhaloganya fa nako eo e ne e le pele ga go nna teng ga makgotla a kabo ditsha le dikarata tsa Omang, o dumela fa seo se ka arabelwa ke ofisi.
Rre Maripe o gateletse ntlha ya gore lefatshe ke la ga Rre Kgosiemang, mme a supa gore dintlha tse di belaetsang jaaka nomore ya Omang le setlanyo e ka tswa e le phosego ya mokwadi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tsheko ya setsha
Date : 20 Aug 2014