Breaking News

Ba Goora-Seno ba tla busetswa madi

20 Aug 2014

Banni ba motsana wa Goora-Seno gaufi le Kanye ba ba neng ba atlhotswe madi a go ipaya metse e se ka fa molaong, jaanong ba tla ruma-ruma go ya kwa dibankeng go busetswa madi a bone morago ga gore puso le lekgotla la kabo ditsha la ga Ngwaketse ba boele morago tshwetso ya bone ya go ba fudisa mo lefelong leo.

Lekgotla la kabo ditsha la Ga Ngwaketse le tsere tshwetso ya go ba busetsa madi e bile ba ba neng ba setse ba agile jaanong ba tla direlwa ditlankana ka fa molaong ka gore jaanong Goora-Seno ke motse e bile e tla nna nngwe ya dikgotlana tsa Kanye, e bo e nne gape mo lenaneong la ditlhabololo.

Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekgotla la kabo ditsha la ga Ngwaketse, mothusa modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Kguger Balosang o boletse fa ba kopa tirisano mmogo le gore go bewe leitlho ba ba tla tlang morago ba tsile go ipaya.

Rre Balosang o boletse fa kgang ya lefatshe la Goora-Seno e tswa kgakala e bile ba ne ba tshwanetse go thubelwa ka gore go ne go supiwa fa ele bomaipaafela e bile gape lefelo leo e le meraka le masimo. 

Rre Balosang o boletse fa puso e ne ya ba sekegela tsebe, mme ya amogela gore e nne motse.

Banni bangwe ba boletse fa ba tla dumela ba bone ba fiwa difomo ba ikopela ditsha ka gonne ba sale ba letile. Ba boletse fa jaanong ba tlhokana le sekole, kgokelo ya metsi le go lwantsha borukutlhi mo kgotlaneng ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Aug 2014