Thuso centre e thusa ba-na-le bogole
20 Aug 2014
Mothusa moeteledipele wa khansele potlana ya Maun, Rre Kgotlagano Motsamai o akgoletse botsamaisi jwa sekole sa Thuso Rehabilitation Centre tiro e ntle ya go tlhabolola ba-na-le-bogole ka jaana go dira pharologano e tona thata mo matshelong a bone.
E rile ba alosa baithuti ba le masome a mabedi le botlhano ba ba ntseng ba ithuta tiro ya diatla mo sekoleng seo, Rre Motsamai a tlhalosa fa baithuti ba amogelwa kwa sekoleng seo ba le mo lefifing mme fa ba aloga, ba tswa e le batho ba ba ka inosang metsi ka jaana ba a bo ba anywile botsipa le kitso.
O boletse fa khansele ya Bokone Bophirima e itlamile go ema sekole seo nokeng ka e lemoga tiro e botsamaisi bo e dirang.
E ne ya re a tlhalosa tema e sekole seo e se segileng, mookamedi wa sone, Rre Moses Kandavazo a kaya fa ba tswa kgakala ba dira go tlala ka diatla go thusa ba-na-le-bogole ka dithuto gore le bone ba tseye karolo mo go tlhabololeng lefatshe leno.
A re ba eletsa go ba bona le bone ele ba tsaya karolo mo ditirong ba sa ikaega thata ka ba malwapa a bone.
O supile fa sekole seo se fitlheletse mangwe a maitlamo a sone ka jaana se kgonne go rutuntsha barutabana bangwe ba mo dithutong tse di lebaneng baithuti ba ba-na-le-bogole.
Rre Kandavazo a re ba motlotlo gape ka ba kgonne go atlega mo go ba Botswana Qualification Authority mme e bile mo nakong eno ba le mo seemong sa go ruta ka selekanyo sa dikole tsa ithutelo ditiro.
A re ba motlotlo gape ka jaana ba itirela ditlhatlhobo mo sekoleng seo ba sa di tseye kwa Gaborone, mme a tlhalosa fa go se motlhofo go bona katlego eo ka dikole dingwe di santse di iteka lesego.
E re ka go ne go supilwe fa baithuti bao ba ne ba ithuta tsa temo, go roka, go dira ka matlalo le dithuto tse dingwe tsa ditiro tsa diatla, Rre Kandavazo o ikuetse mo pusong le makalana a a ikemetseng go tlhamela baithuti bao mebereko.
A re ga go monate gore bana ba nne kwa gae le ntswa ba na le dithutego tsa maemo a a kwa godimo tse di ka ba jesang.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao, Mme Gladys Kelebemang o gwetlhile baithuti bao go ikgolaganya le diofisi tsa bone kwa metseng e ba nnang mo go yone gore ba tlhaloganye ka mananeo a a teng a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a banana.
O boletse fa ba ka ikopela lenaneo la Youth Development Fund le le kgonang go adima monana madi a a ka tshwarang P100 000 go itshimololela kgwebo.
Mme Kelebemang o boletse gape fa diphatlha tsa ditiro di se motlhofo go bonala ka jalo a rotloetsa ba ba sa atlegang go etela ofisi ya banana gore ba kgone go ikwadisa mo lenaneong la Tirelo Setshaba fa ba santse ba batla mebereko.
Le fa go ntse jalo, makalana mangwe a a ikemetseng jaaka kompone ya Nandos le Letshego a a neng a tsene moletlo oo a ne a supa kemonokeng ka go laletsa dialogane dijo tsa motshegare kwa marekisetsong a Nandos. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Kaloso ya dialogane
Date : 20 Aug 2014