Breaking News

Bogogi kwa Bobonong bo ikaelela go lwantsha botlhokatsebe

20 Aug 2014

Bagolo le bogogi jwa Bobonong ba bolela fa ba tshwentswe fela thata ke borukutlhi kwa motseng oo, mme ba tlhalositse fa ba tsile go itebaganya thata le dikgang tsa thubetso le boimana segolo jang mo bananeng.

Mogolwane wa pele wa sepodisi sa Botswana, yo e kileng ya nna moemedi wa lefatshe leno kwa Namibia, Rre Norman Moleboge, e rile a bua mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba sepodisi a tlhalosa fa go supega fa ka letsatsi go thubediwa bomme ba le ba tlhano mme ka beke ba le masome a mararo le boraro, mme mo dipalong tse, go thubediwa batho ba dingwaga tse tlhano go ya kwa go masome a a ferang bobedi le botlhano. 

O boletse fa bagolo e le bone ba amegang thata mo go thubediweng, ka ntlha ya go nwa bojalwa phetelela le dipoto tse di senang nako ya go tswala.

Rre Moleboge a re dikgetse tsa go tlhakanela dikobo le bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le borataro mo motseng wa Bobonong di eme jaana; ka 2011 di ne di le 18, ka 2012 tsa oketsega go nna 24 fa 2013 di ne di le 22, mme monongwaga go simolola ka kgwedi ya Ferikgong go tsena ka Seetebosigo di 15.

O tlhalositse fa bana ba ba duleng mo dikoleng ka ntlha ya boimana kwa motseng oo ka 2012 ene e le moithuti a le mongwe, fa ka 2013  ba nnile 39, mono ngwaga go simolola ka kgwedi ya Ferikgong go tsena Seetebosigo ba 56. 

O supile fa baithuti ba sekole se segolwane sa Matshekge ba le 34 ba tlogetse sekole ka ntlha ya boimana, mme a re potso ke gore seabe sa batsadi ke sefe mo baneng ba bone.

Kgosana ya kgotlana ya Pitse kwa Bobonong, Rre Madome Madome a re maikaelelo a bone ke go tsibosa le go fetisa molaetsa ka dipetelelo le melato e e mabapi gammogo le go rotloetsa batswa setlhabelo go bega ditiragalo tsa dipetelelo ka bofefo go itsa go senyega ga bosupi le go fiwa thuso ka potlako.

Kgosi Dimakatso Patane o tlhalositse fa go kopanela dikobo go sena ditumelano go sa siama ka go senyetsa ba bangwe bokamoso gonne bangwe ba felela ba ima e se ka fa thatong ya bone.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya sepodisi

Date : 20 Aug 2014