Breaking News

Ngami o ipaakanyetsa boipuso

20 Aug 2014

Mothusa molaodi wa kgaolo ya Ngamiland, Mme Angelina Leano, a re boipuso jwa ngwaga ono bo tshwanetse go nna pharologanyo ka e le jo bo faphegileng.

Mme Leano o buile seo mo phuthegong ya kgotla ka Labone kwa kgotleng kgolo ya Maun, a tlhalosa boipuso jwa ngwaga ono bo na le sekao se segolo ka ele ngwaga tse pedi fela pele ga tebelopele ya setshaba ya 2016.

O kopile morafe go tshwaragana le badirela puso gore ba nne le boipuso jo bo pharologanyo le dingwaga tse di fetileng.

A re go tshwanetse ga ipelwa ka ditiragalo tse di farologaneng di akaretsa motshameko wa kgwele ya dinao, mmabontle wa borre le bomme ba ba tshotsweng ka 1966 le maitiso a dijo tsa Setswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Aug 2014