Breaking News

Dikgomo di tshwanetse go ja Omang

19 Aug 2014

Mookamela mapodisi a Middlepits, Superintendent Moses Chibamo o gakolotse barui go tshwaya, go tshuba le go jesa leruo la bone Omang ka go ka thusa thata mo go netefatseng gore ke la bone ka nako ya fa le utswilwe.

Kgakololo e, e dirilwe mo potsolotsong bosheng morago ga gore ba begelwe kgang e mo go yone monna mongwe wa  dingwaga tse di masome a marataro go belaesegang a utswile kgomo ya yo mongwe wa dingwaga tse di masome a marataro le bone kwa Middlepits 

O tlhalositse gore fa bosupi jwa Omang le tshipi di le teng mo leruong, go motlhofo mo go ba sepodisi gore ba lebise babelaelwa molato, go na le gore le bo le tshubilwe fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 19 Aug 2014