Breaking News

Batlokwa ba gwetlhiwa go tshwaya motse

19 Aug 2014

Morafe wa Batlokwa o gwetlhilwe go tshwaa motse wa bone gore o seka wa mediwa ke toropo kgolo gonne batho bangwe ba tsaya fa motse o  e le bontlha jwa Gaborone.

Fa a bua kwa letsatsing la go ipelela ngwao ya morafe wa Batlokwa ka Matlhatso, motlhatlhelela dithuto tsa ditso kwa University  ya Botswana, Professor Christaan Makgala o boletse fa mo nakong eno, go se bonolo go aroganya motse wa Tlokweng le  Gaborone mme se se bakwa ke go tlhoka go tshwaya motse oo.

Le fa go ntse jalo, a re motse o, o botlhokwa thata mo ditsong tsa lefatshe leno e bile ga o a tshwanelwa  go nyelediwa ke go nna gaufi le toropo kgolo. 

Rre Makgala a re e rile ka dingwaga tsa bo 1985, fa puso ya tlhaolele ya Aferika Borwa e tlhasela kwa Gaborone, mealo le mananeo a go tlhasela a ne a direlwa kwa Oasis Motel kwa Tlokweng.

O kopile ba Batlokwa Development Trust gore ba tshwaye motse wa bone gore o bonale  o bo o farologane le toropo. 

A re  le fa baeng ka bontsi ba dirisa molelwane wa Tlokweng go tsena mo lefatsheng leno, bontsi jwa bone ga ba itse fa ba le mo motseng wa Tlokweng, ka jalo go tshwanetse ga nna le mokwalo o mogolo o o tlaa senogang fa motho a tsamaya kgakala  go supa fa motse o simologang teng le fa o felelang teng. 

Rre Makgala a re go botlhokwa thata gore Batlokwa ba amanye leina la Gaborone le motse wa Tlokweng ka gore toropo kgolo e teeletswe ka kgosi kgolo ya bone ka jalo ba tshwanetse ba nna gape le mokwalo kwa kgorong ya molelwane o tlhalosa se.

Mo go tse dingwe, Professor Makgala o kopile Batlokwa go tswelela ba ipela ka segabone ka go tlwaelesegile gore Batswana ba nyenye segabone. BOPA

A re Setswana se tlotlomadiwa fela fa gotwe motho ke ngwana wa Setswana e le go tlhalosa fa a na le botho jo bo amogelesegang, mme go le gantsi Setswana se amanngwa le go tlhoka go dira dilo sentle.

Fa a ema morafe ka lefoko, kgosi kgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso Gaborone  o  kopile morafe gore o seka wa itewa tsebe ke go nna gaufi le toropo kgolo. 

O boletse fa go na le dikgwetlho tse dintsi tse di okametseng morafe wa gagwe mme di tsalwa ke go nna gaufi le toropo kgolo. A re  ditshaba tse dingwe le merafe ka go farologana ba tshologela kwa motseng oo ka ba lebile majako mo toropo kgolo, mme a kaya fa se, se sa tshwanela go ba itaya tsebe ka gope.

Kgosi Puso a re mo metlheng eno, go tlwaelesegile gore basha ba palelwe ke go ikitse ka go kaya ba lesika lwa bone jaaka le rulagane e bile le amana mme le dilo di fetogile jaaka kgodiso ya bana, go aga lelwapa  le maitshwaro a batho.

Kgosi o tlhalositse fa letsatsi la ngwao le ba fa sebaka sa go abelana mekgwa ya bone ya setso e e ka tshetsang Batlokwa, a bo a tlhalosa fa tiro ya letsatsi la ngwao e eteletswe pele ke Batlokwa Development Trust. Kwa letsatsing leo go ne ga supiwa kapari ya setso, dijo, mmino le mekgwa ya setso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : RAMOTSWA

Event : Letsatsi la go ipelela ngwao

Date : 19 Aug 2014