Breaking News

Bakwena ba semeletse

19 Aug 2014

Bakwena ba tsweletse sentle go baakanyetsa moletlo wa ngwaga le ngwaga wa ngwao le ditso tsa bone o o bidiwang Dithubaruba, o o tlaa ipelelwang kgwedi ya Lwetse e le malatsi a marataro kwa Ntsweng kwa Molepolole.

Mogolwane wa tlhokomelo ntlo ya ditso ya Kgosi Sechele I e bile e le mogokaganyi wa Dithubaruba, Rre Kawina Kawina o boletse mo puisanong  bosheng gore moletlo o kgosi kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari wa boraro eleng modulasetilo wa one, o tlhamilwe ka maikaelelo a go rotloetsa le go ruta morafe ka bomosola jwa ntlo ya ditso ya Molepolole ka ba ne ba lemogile fa bontsi jwa Bakwena ba sa kgatlhegele go etela ntlo ya ditso ya Kgosi Sechele I.

A re kwa tshimologong moletlo o ne o tshwarelwa kwa ntlong ya ditso mme ya re mo tsamaong ya dingwaga ba fudugela kwa Ntsweng ka go lemoga fa morafe jaanong o kgatlhegela moletlo mme jaanong lefelo le sa kgone go atlarela palo e ntsi ya batho.

O boletse fa Ntsweng e le lefelo la botlhokwa mo morafeng wa Molepolole ka e le gone kwa ditso le matlotlo a motse di bonwang teng e bile go boloketswe magosi a Bakwena teng.

Rre Kawina a re moletlo o gape ke konokono mo kgodisong tshomarelo ya ditso le ngwao ya Bakwena mme e bile ba ikemiseditse go thusa go tswakanya itsholelo ya kgaolo ka one. 

Go ya ka Rre Kawina, fela jaaka e le tlwaelo kwa moletlong oo go tlaa nna le metlaagana go supa ngwao ya Bakwena mme e kgaogantswe ka mefuta e le meraro e leng wa bagwebi, wa kapei ya dijo tsa Setswana le wa tiro ya diatla.

O boletse gore ba rotloetsa morafe go apara kapari ya setso go supa tota fa go ipelelwa ngwao. 

A re kgaolo ya Kweneng e tona thata e bile e na le merafe e e farologaneng mme o boletse fa merafe yotlhe ya kgaolo e tlaa tsaya karolo mo moletlong oo e akaretsa Bakgatla ba ga Mmanaana kwa Thamaga, Bahurutshe kwa Mmankgodi, Bakgalagadi le Basarwa kwa kgaolong ya Kweneng bophirima le merafe e mengwe.

Fa a bua ka seabe sa banana ba Molepolole mo go rotloetseng moletlo, Rre Kawina o boletse fa ba dira ka bokgabane mo tirong e, e bile o ba kgothaditse go tswelela ka mowa o montle oo. 

O tsweletse a re dingwe tse di sha monongwaga ke metshameko ya Setswana jaaka diketo le morabaraba.

Rre Kawina o tlhalositse fa gape ba rulagantse mogwanto o o tlaa tshwarwang kgwedi eno e le masome a mabedi le bone mme o tlaa simolola fa ntlong ya ditso ya Kgosi Sechele I go felela kwa lefelong la Dithubaruba kwa Ntsweng, ka maikaelelo a go kokoanyetsa moletlo madi. 

A re o gakolola Bakwena lefatshe ka bophara gore goo-ra motho go thebe phatshwa, ka jalo ba iketleetse go ipela le go rotloetsa Dithubaruba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 19 Aug 2014