Mafaratlhatlha a tla agiwa kwa Maun
18 Aug 2014
Kago ya mafaratlhatlha a ditlhaeletsano tse di tsamayang ka fa tlase ga lefatshe a tsile go agiwa kwa Maun ka maikaelelo a go tlhabolola mafaratlhatlha a ditlhaeletsano mo kgaolong eo le go gokaganya Botswana le mafatshe a a bapileng le lone gammogo le lefatshe ka bophara.
Fa a buisa phuthego kwa motseng oo bosheng, mogolwane wa tsa maranyane wa kompone ya Botswana Fibre Network (BOFINET), Rre Ephraim Kedisang o boletse fa maikaelelo magolo a kompone e le go rekisetsa ditirelo tsa yone dikompone tse di rekisang ditlamelo tsa ditlhaeletsano jaaka Orange, Mascom le beMobile eseng batho ba ba senang dikgwebo.
O tsweletse a tlhalosa gape gore kompone eo e thusa ba ba isang ditlamelo gore ba di ise ka tlhotlhwa e e kwa tlase le ka bofefo mme e le tsa seemo sa mafatshefatshe.
Rre Kedisang o supile fa thapo e tlaa bo e tsamaya le Maun go tswa mo toropong go ya kwa Matlapaneng e bo e boa ka Disaneng go ya kwa sepateleng sa Letsholathebe II Memorial le bontlha bongwe jwa motse.
O supile gape fa mafaratlhatlha a tlaa dirwa go simolola mo motseng wa Sehithwa go ema kwa Mohembo mo kgaolong ya Okavango go leka go atolosa ditirelo tsa bone tsa maranyane.
A re ditlhabololo tse, di tla a dira gore fa bana ba bone ba le mo motseng ba kgone go dirisa maranyane a inthanete a seemo se se tshwanang le kwa Gaborone, ka jalo matshelo a bone a tsatsi le letsatsi a seka a kgoreletsega.
Rre Kedisang o tsweletse ka go supa fa ditlhabololo tse, di neela moithuti mongwe le mongwe sebaka sa go itlhabolola ka gonne ba tla a bo ba na le sebaka sa go kgona go ka tsena sekole gongwe le gongwe mo lefatsheng ba ntse ba le mo Maun ba dirisa maranyane ao.
Fa a ntsha la gagwe, modiri wa Enviro Solve Consultancy, Rre Gaogakwe Ikgopoleng a re kompone ya bone e itebagantse le go dira ditshekatsheko go bona gore a matshelo a Batswana ga a tsenngwe mo diphatseng ga mmogo le gore a ditsa tlholego jaaka mmu le ditlhare ga di kgorelediwe le gone go sireletsa leruo le diphologolo.
Rre Ikgopoleng o tlhalositse fa ditshekatsheko tse ba di dirang, di isiwa mo maphateng a a farologaneng go sekwasekwa jaaka lephata la ditsela, koporase ya Botswana Telecommunications, ya Water Utilities le ba kabo ditsha go bona gore tiro eo ea go ama jang ditiro tsa bone.
O tlhalositse fa tshekatsheko ya maphata ao e isiwa kwa lephateng la tikologo go ya go rurifadiwa gore jaanong tiro e ka dirwa e bile borakonteraka ba neelwa tsamaiso e e lolameng go ya ka tshekatsheko e e dirilweng.
Rre Ikgopoleng o kopile banni ba Maun go tshwaraganela tiro eo le bone ka ke bone beng ba motse jalo ba o itse botoka.
O tsweletse a kopa banni ba Maun go ikgapha mo seemong se se tshwenyang sa banana sa gore fa borakonteraka ba tla mo motseng, ba bo ba tsena mo go tsa tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang, selo se a supileng se ka baka kanamo ya malwetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : MAUN
Event : Phuthego
Date : 18 Aug 2014