Moremogolo go betlwa wa taola...
18 Aug 2014
Go tlhalositswe fa go ima ga banana, go nna le bakapelo ba bantsi, go inyadisa, go nwa bojalwa phetelela le go dirisa diritibatsi e le ditiro dingwe tse di tshwenyang mo toropong ya Jwaneng.
E rile a bua bosheng mo phuthegong e bagolo le baeteledipele ba toropo eo ba neng ba biditse banana kwa kgotleng ya Raphalane go tla go ba fa maele a go tshela botshelo jo bo phepha bo na le maikarabelo ka jaana botlhoka tsebe jwa banana bo ile magoletsa, Kgosi Nkaelang Lekgoa a tlhalosa fa go ora molelo le banana e le tsela nngwe ya go buisana le go tlhaloganya gore ba dirwa ke eng go ikgolaganya le botlhoka tsebe.
O boletse fa gape go tla a thusa go tla ka megopolo e e ka rarabololang botlhoka tsebe joo ka e bile banana ba tshwaraganetse tiro eo le bagolo ba toropo.
Kgosi Lekgoa o kaile fa letlhaku le lesha le agelwa mo go le legologolo ka jalo go le maleba gore bagolo ba arogane le banana maele a botshelo gore lefatshe la Botswana le nne le baeteledipele ba ba nang le boikarabelo mo isagong.
Kgosi Lekgoa o kgothaditse banana go fetola matshelo a bone mme a ba kopa go tlogela go iphitlha ka mafoko a Setswana a tshwana le monna selepe oa fapaanelwa gammogo le monna ga a botswe kwa a tswang teng, go dira botlhoka tsebe.
Fa ba tswa la bone, banana ba kaile fa go ima ba sale bannye go bakwa ke go tlhoka lerato la batsadi kwa malwapeng jalo ba felele ba le batla mo banneng ba ba tona kana ba ba setseng ba na le malwapa.
Ba tsweletse ba tlhalosa fa go nwa bojalwa phetelela le go dirisa diritibatsi gone go bakiwa ke go batla go itumedisa ditsala le keletso ya go lekeletsa dilo.
Ba tsweletse ba tlhalosa fa tlotlo e tlhaela mo batsading ba bone ka jaana bagolo ba ratana le balekane ba bone mme seo se diga boleng le tlotlo e ngwana a ka e fang motsadi wa gagwe.
Mongwe wa batsadi, Mme Boitumelo Abobe, o kgothaditse batsadi ka ene go tsalana le bana ba bone ka jaana go tlaa dira gore ba gololesege go bua le bone.
O kgothaditse batsadi go tshela ba na le boikarabelo gonne bana ba tsaya malebela mo go bone.
Mme Abobe o tsweletse a kgothatsa banana go nna le maikaelelo a a tsepameng gore ba seka ba kgarakgatshega le menate ya lefatshe ka go supega fa e sa age botshelo ka gope.
O tsweletse a ba rotloetsa go itirela ka diatla go tila go batla go direlwa mo go feletseng ka go ba bakela mathata a go nna le bakapelo ba bantsi.
Motshwarelela modulasetilo wa banana, Rre Tebogo Lore o lebogetse dikgakololo tse ba di filweng a kaya fa di tla a ba thusa e bile di ba kgothatsa go fetola matshelo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segomotso Lemme
Location : JWANENG
Event : Phuthego
Date : 18 Aug 2014