Bomme ba itshetsa ka dimonamone
18 Aug 2014
Bomme bangwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba re mosadi o ka seke a nne fela ka diatla a lesa lelwapa le wela mo isong.
Mo potsolotsong bosheng, Mme Siphiwe Zenzo wa Butale o tlhalositse fa a na le botsipa jo bo faphegileng jwa go dira dimonamone ka go dirisa manoko a thobo ya gagwe le sukiri go dira dimonamone tse mo nakong eno botshelo jwa gagwe bo ikaegileng ka tsone.
Go ya ka Mme Zenzo, o amule botsipa jo mo ngwaneng wa gagwe , Mme Gaabadzo Zenzo yo le ene a ithutileng mo makgoeng a gagwe ka nako ya fa a santse a bereka.
Mme Zenzo yo o simolotse kgwebo ya gagwe ngwaga o o fetileng o bolela fa e dira sentle fela thata le ntswa a santse a lebanwe ke dikgwetlho tsa didirisiwa.
A re o bona thotloetso e tona mo baneng ba sekole se se botlana, ka e le one morafe o o jang dimonamone thata. E re ka kgwebo ya gagwe e le gone e itshetlelang, o ikaeletse go inaakanya le bo mmaboipelego go mo thusa ka didirisiwa go godisa kgwebo ya gagwe e a reng o dumela fa e tla mo tlodisa melatswana.
Mme Nokuthula Gilbert ene o simolotse kgwebo ya gagwe ka 1991 mme o tlhalositse fa a kgona go tsenya bana dikole le go tlamela lelwapa la gagwe ka dipoelo tse a di bonang mo go yone.
A re pele ga a tla simolola kgwebo e, o ne a diila ka bana, botshelo bo le dingalo ka go ne go sena tsela epe e a tsenyang madi ka yone. Mme Gilbert o tlhalositse fa a dira dimonamone ka metswako e e farologaneng jaaka sukiri, cream of tartar, le dinkgisa monate.
A re o dirisa madi a a neng a a bolokile ka nako ya fa a bereka kwa Ipelegeng. Mogwebi yo mongwe yo ene a tlholegang kwa motseng wa Tshesebe, Mme Goabaone Sithole o tlhalositse fa a ithutile botsipa jwa go dira dimonamone mo ditsaleng tsa gagwe tsa maSwedish.
Le ene o tlhalositse fa a dirisa sukiri, letswai, surapo, metsi le dinkgisa monate go dira dimonamone tsa gagwe. Bagwebi ba , ba tlhalosa fa dimonamone di le bogadi bogaufi jalo ba rotloetsa bomme ba bangwe go se tlhajwe ke ditlhong go ithuta mo go bangwe ka bone maele a a farologaneng a go itirela se ba ka itshetsang ka sone. Ends
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 18 Aug 2014