Breaking News

Boitseme jwa balemi bo folodisa maiteko

18 Aug 2014

Balemi bangwe ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba kgaletswe go nna boitseme mo temong le ntswa  puso e dira maiteko a go e tokafatsa  ka go tla ka mananeo a tshwana le la ISPAAD.

Mo phuthegong e e neng e kopantse balemi le boraditerekere ba motse oo go sekaseka ka fa lenaneo la ISPAAD le tsweletseng ka teng, molemisi wa kgaolo eo, Rre Ditiro Bolepya o boletse fa a tshwentse thata ke balemi bangwe  ba ba kgonang go tswa kwa masimo ba iphotlhere ka ntlha ya go ikgatholosa temo ya bone.

Rre Bolepya a re go simolola fela ka nako ya fa go lemiwa balemi bangwe ga ba iponatse kwa masimong ka ba neela boraditerekere peo bone ba le kwa magaeng.

A re go a tshwenya go bona Batswana ba sa tsibogele go ithusa ka lenaneo la ISPAAD, ntswa puso e tsweletse ka go dira maiteko go tokafatsa mohama wa temo ka lenaneo le, e bile e dirisa diketekete tsa madi go ba thusa, a supa fa go dira jalo go folodisa maiteko a puso.

Rre Bolepya a re ntswa dipula di dikile di gosomane, o swabisitswe ke balemi bangwe ba ba paletsweng ke go bega thobo ya bone ka jaana ba itswetse fela kwa masimong.

O tsweletse a re ofisi ya bone e amogela dingongorego tse dintsi go tswa mo baleming tsa gore ga ba lemelwe sentle ke diterekere dingwe mme a supa fa seo se bakiwa ke gore balemi ba a bo ba seo kwa tshimong ka nako ya fa go lemiwa.

O boletse fa lenaneo la ISPAAD le tsweletse ka go sologela mosola Batswana ba ba ikiteileng sehuba go tlhokomela masimo a bone ka jalo ba bona thobo e e nametsang e bile bangwe ba setse ba gweba ka temo.

Rre Bolepya o gakolotse Batswana go ikemela ka dinao go inaakanya le temo ka tlhoafalo gore ba inamole lehuma, ka a re o dumela fa temo e ka lwantsha khumanego.

Mo go tse dingwe, o boletse fa balemi ba tsaya nako e telele ba sa ye go saenela boraditerekere morago ga go ba lemela mme a tlhalosa fa go dira jaana go baka tiego ya dituelo tsa boraditerekere.

Modulasetilo wa komiti ya balemi ba motse oo, Rre Kesotlegile Seedi o rurifaditse fa e le boammaaruri go santse go na le balemi bangwe ba ba tswang fela ba iphotlhere kwa masimong ka ntlha ya go sa tlhokomeleng masimo a bone, mme a ba gakolola go tlhagafalela temo.

A re fa Batswana ba ka tlhagafalela mananeo a puso e a ntshitseng go ba thusa ,dipalo tsa batlhoki di ka fokotsega mo lefatsheng leno mme fela a supa fa go le mo maruding a Batswana go tsaya tsia mananeo gore a ba solegele molemo.

Balemi bone ba supile fa ba lebanwe ke kgwetlho ya leruo le le ba senyetsang mo masimong mme ba ikuela mo pusong gore barui ba ba itlhokomolositseng go tlhokomela leruo ba tseelwe dikgato tse di gagametseng.

Ba supile fa kgang ya go phuaganya masimo e bakiwa ke gore balemi ba a bo ba ile go bereka Ipelegeng. Molemi mongwe wa masimo a Dikole, Rre Gakeresepe Kobo o boletse fa lenaneo la Ipelegeng le le molemo mme fela le gotlhagotlhana le la ISPAAD, ka jalo a ikuela mo pusong go le emisa ka dikgwedi tsa temo ka jaana le phutlhamisa mohama wa temo. Ends

Source : BOPA

Author : Shelley Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 18 Aug 2014