Nnang le boikarabelo
17 Aug 2014
Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe o kopile banni ba Diloro le Kgagodi go nna le boikarabelo mo dithusong tse puso e ba thusang ka tsone go intsha mo lehumeng.
Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, Dr Kedikilwe o boletse fa puso e kgathala ka matshelo a Batswana mme ba tshwanelwa ke go tsaya dithuso tse ba di fiwang ka matsetseleko.
A re ba ba newang dithuso, bogolo jang tsa go ipulela dikgwebo, ba tshwanelwa ke go supa fa ba ne ba tlhokana le dithuso tseo ka go di tsamaisa sentle gore ba kgone go itshedisa.
Dr Kedikilwe o boletse fa puso e na le maikaelelo a a tsepameng a go boloka le go tlhabolola matshelo a Batswana.
Ka jalo o boletse fa go na le mananeo a le mantsi a a dirilweng go ntsha Batswana mo lehumeng.
Mo go tse dingwe, Mothusa Tautona, yo e bileng e le mopalamente wa Mmadinare, a re o tlogela setilo sa gagwe sa bothusa Tautona le sa bopalamente a le pelo tshweu ka a dirile go le gontsi go fetola matshelo a batho mo kgaolong ya gagwe le mo lefatsheng ka bophara.
A re mafelo a le mantsi mo kgaolong ya Mmadinare a ne a se na ditlamelo di tshwana le metsi, motlakase, dikole le ditlhaeletsanyo mme di setse di le teng.
Dr Kedikilwe a re o ne a dirile botsalano jo bo tseneletseng le Batswana botlhe ka kakaretso mme go tlogela maemo a gagwe ga go ree gore ga a na go tswelela e nna motsadi, ngwana le tsala fela jaaka a ne a ntse.
A re o na le tumelo e ntsi ya gore ba ba tlaa mo tlhatlhamang ba na le bokgoni jwa go tsweledisa fa a emeng teng.
A re o ne a tsaya ka tlhoafalo se ba a neng a ba eteletse pele ba se bua ka motho ga a ke a bua fela go se na matshwenyego mme o solofela fa yo o mo tlhatlhamang a tlaa reetsa dilelo tsa bone.
Mothusa Tautona o ne a tsibogela mafoko a ga Kgosi Gabobatwe wa Diloro yo o neng a bolela fa ba tlaa bo ba latlhegetswe fa Mothusa Tautona a tlogela tiro ka bogodi.
O ne a bolela fa Dr Kedikilwe e le motsadi yo e neng e re fa ba na le matshwenyego a a rarabolole ka ponyo ya leitlho.
Rre Sumbe Ongadile go tswa kwa ofising ya ga Tautona a itebagantse le tsa nyeletso lehuma o ne a bolela fa lenaneo la nyeletso lehuma le setse le tlhametse Batswana ba le 11 095 mebereko.
A re batho ba le bantsi ba supile fa lenaneo la nyeletso lehuma le ba thusitse thata ka e bile ba setse ba kgona go dira tse ba neng ba sa kgone go di dira jaaka go tsenya bana dikole le gone go ithekela tse di yang maleng.
O ne a tlhalosa fa lenaneo la nyeletso lehuma le thusa batho ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa godimo mme go dirwa ditshekatsheko pele fa yo o lebanweng ke lenaneo leo a ka thusiwa.
A re go lemogilwe fa mo mafelong mangwe go tsaya sebaka gore ba ba lebanweng ke dithuso tsa nyeletso lehuma ba thusiwe fa ba bangwe ba ise ba kgone go sekasekwa.
A re le fa go ntse jalo ba seka ba fela pelo ka jaana go sa ntse go lebalejwa gore go ka fefosiwa jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 17 Aug 2014