Breaking News

Basezuru ba rotloetsa boipelego

17 Aug 2014

Morafe wa letso la Sezezuru ke morafe o ratang go ipelega ka go rekisa mo mebileng. 

O tlwaelesegile thata ka go dira dibata, mesamo, mafeelo ga mmogo le go rekisa manoko le tse dingwe. Ba dumela thata mo go itireleng ka diatla tsa bone go itshetsa go na le go bolawa ke tlala kgotsa go emela puso go tla ka maano a go ka tsisa dijo mo malwapeng a bone.

Fa o tsamaya lefatshe ka bophara, e ka tswa ele mo maemelong a dibese, fa pele ga mabenkele kgotsa ka fa tlase ga ditlhare, o ka se tlhoke mongwe wa letso le, a thibeletse foo a ithekisetsa; e ka tswa e le dimonamone, ditamati, mesamo kgotsa one manoko go dira madi a diyamalemg

Mo potsolotsong bosheng, Mme Rachel Amos wa letso la Sezezuru, yo o tlholegang kwa Moroka, o tlhalositse fa molao wa kereke ya bone o sa ba letle go bereka mme o ba rotloetsa go ipelega. E re ka e le morafe o o tlotlang ngwao ya one, ba e diragatsa ka lerato le tlhompho. 

Mme Amos o tlhalositse gape fa go tsholweng ga gagwe ka ngwaga wa 1959, a fitlhetse batsadi ba gagwe ba dira dibata, dinkgwana le go rekisa manoko go tsisa dijo mo lwapeng. 

A re go goleng ga gagwe ga a ise a tsene ka kgoro ya sekole go ithutela tiro epe mme o tlhalefetse mo kgwebong e e neng e dirwa ke batsadi ba gagwe.

O tsweletse ka go tlhalosa fa e ne ya re a le dingwaga di le supa mmaagwe a mo ruta go dira dinkgo ka mmopa gore motlhang a hularang le ene a kgone go ikemela ka dinao go tshedisa bana ba gagwe. 

O supile fa a sa ntse a tshegeditse seo mme e bile a direla ba lwapa la gagwe madi. A re ka nako eo ba ne gape ba itshetsa ka go rekisa manoko, kopi ya one e lopa P0.25t mme mo nakong eno a e rekisa P2.

Mme Amos o ne a tlhalosa fa bontsi jwa morafe o bo sa tsenelela thata mo dikoleng ka ba dumela fa sekole se dia nako ya go dira madi. 

Ke ka moo bontsi jwa bana ba bone ba inaakantseng le go rekisa mo mebileng go na le go ya dikoleng. 

A re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e gola ka go ya go kopa thuso ka lenaneo la nyeletso lehuma segolo jang thuo ya dihutshane.

E rile a tswa la gagwe Mme Agari Gaselotho, le ene e le mongwe wa letso la Sezezuru, o tlhalositse fa a eletsa go ikgolaganya le ba nyeletso lehuma gore a kgone go atolosa kgwebo ya gagwe segolo jang ka fa letlhakoreng la go roka. 

Mme Gaselotho yo le ene a tlholegang kwa Moroka, o tlhalositse fa a eletsa gore puso e mo tswe thuso ka a na le kgwetlho ya go reka matsela go godisa kgwebo ya gagwe ya go roka diaparo le mesamo. 

A re le ntswa bontsi jwa morafe o bo tlwaelesegile thata ka go itirela ka diatla tsa bone, le bone go na le fa ba tlhaelelang teng.

O ne a tlhalosa fa a rata se se dirwang ke bomorwarraabo ka ba kgona go ithekela dijo ka matsana a ba a bonang mo dikgwebong tsa bone. 

O buile seo jaaka a ne supa fa bontsi jwa Batswana ba bolawa ke ditlhong, le dikgang tsa gore batho ba bangwe ba tla ba leba jang fa ba ba bona mo mebileng ba rekisa ditamati.

O tladitse ka go supa fa gape ba tshaba go tsaya malebela mo go bomorwaarraabo ba letso la Sezezuru segolo jang ka tsamaiso ya tsa kgwebo go fokotsa mokgwa wa go baya fela mo pusong. 

O tlhalositse fa a sale a rekisetsa fa pele ga lebenkele la Come Again mo Masunga ka ngwaga wa 1989. 

Mme Gaselotho a re kgwebo e batla motho a le senatla e bile a rata tiro ya gagwe, fa Mme Memory Titus le Mme Ellen Gaselotho bone ba supile fa morafe o, o le matlhagatlhaga mo go tsa merero ya kgwebo e bile ba le dinatla. 

Ba supile fa ba eletsa gore merafe e mengwe e ka tsaya mo go bone go imolola puso merwalo.

Mme Titus ene o tlhalositse fa Batswana ba bangwe be le boitseme segolo jang, fa e sale puso e tla ka mananeo a nyeletso lehuma le a mangwe. 

A re bontsi jwa bone ga ba batle go ikakanyetsa go bona gore ba ka inamola jang mo lehumeng. 

O kopile Batswana go itlela ka megopolo ya gore ba ka dira eng mo matshelong a bone ntle le dithuso tsa puso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 17 Aug 2014