Ditagi le bojalwa di itaa baithuti tsebe
17 Aug 2014
Baithuti ba sekole se segolwane sa Tapologo kwa Werda mo kgaolong ya Kgalagadi ba gakolotswe go ikgapha mo ditaging le bojalwa ka di ka ba itaya tsebe go tsaya dithuto tsa bone tsa sekole ka tlhwaafalo.
Fa a bua mo letsholong le le neng le boloditswe ke barutabana le bana ba sekole seo kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya ditagi le bojalwa mo dikoleng bosheng, molaodi wa Kgalagadi, Rre Moemedi Letina o ne a tlhalosa fa puso, batsadi le setshaba ka kakaretso ba tshwentswe ke maitsholo a bana a a duleng mo tseleng ka lebaka la ditagi le bojalwa mo dikoleng.
Rre Letina o boletse fa go le botlhokwa gore batsadi ba age le go gakolola bana ba santse ba le bannye ka seo se ka thusa thata mo go ageng setshaba se se nang le boikarabelo.
Molaodi o kaile fa bojalwa le ditagi di le borai thata mo botsogong jwa motho gonne di ka mo senyetsa bokamoso ka go senya tlhaloganyo, go tsenwa ke malwetse a tshwana le a pelo, diphilo le gone go tsofala ka bonako.
O kaile fa ditlamorago tsa teng e le matlhotlhapelo mo matshelong a batho ka bangwe ba felela ba latlhegelwa ke ditiro fa bangwe ba thubegelwa ke malwapa.
A re le ntswa ngwaga ono baithuti ba sekole seo ba se na melato epe e e ba amanyang le ditagi le bojalwa, mme dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekole ka boimana le tsa bana ba ba tswang mo sekoleng go ya go nna le batsadi kwa dipolaseng ka molelwane o le gaufi le motse oo di a tshwenya .
Moithuti wa sekole seo, Mme Tshegofatso Bahuma o tlhalositse fa ba boloditse letsholo la go tsibosa bana ba sekole seo ka bodiphatsa jwa ditagi le bojalwa ka gantsi seemo seo se tshabelela bana ba ba kwa dikoleng tse dikgolwane.
Mme Bahuma o supile fa dithuto tseo di tlaa thusa baithuti go itlhophela tse di ba siametseng mo botshelong gore e tle e nne babusi ba motia.
Mme Kefilwe Otsile wa sepodise se e seng sa seaparo go tswa kwa Jwaneng, ene o rotloeditse bana ba sekole seo go tsaya tsia dithuto tsa bone mme a ba rotloetsa go tswa mo ditirong tsa botlhoka tsebe di tshwana le ditagi le bojalwa ka di ka ba itaya tsebe go ithuta.
O kaile fa ba lemogile fa bana bangwe ba dikole ba rekisa ditagi mo dikoleng mme a tlhalosa fa go dira jalo e le molato o modira molato oo, a ka tseelwang dikgato tse di gagametseng ka go tsena kgolegelo.
A re gape go ka ba senyetsa bokamoso ka ba felela ba tsewa menwana jalo a kopa baithuti go loma mapodise tsebe ka thekiso ya ditagi mo dikoleng.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya banana, metshameko le ngwao kwa Kgalagadi, Mme Lucy Monyatsi o tlhaloseditse baithuti ka mananeo a a farologaneng a puso a ba ka ithusang ka one go tokofatsa matshelo le go itlhamela mebereko fa ba sa kgona go tswelela le dithuto tsa bone.
Go le pele fa a amogela baeng mothusa mogokgo, Rre Isaac Jagter o boletse fa maikaelelo a bone e le go bolotsa letsholo la go kganela ditagi le nnotagi pele ga di jwelela mo baneng ba sekole seo.
O tsweletse a supa fa mo ngwageng ono baithuti ba mophato wa boraro ba setse ba tlogetse sekole ka lebaka la boimana ba le babedi a kaya fa e le kgang e e ba tshwentseng thata.
Letsatsi leo le ne la natefisiwa ka metshameko le maboko tse di tlhalosang ka ditlamorago tsa ditagi le bojalwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego
Date : 17 Aug 2014