Breaking News

Lenaneo le tokafatsa maduo

17 Aug 2014

Morago ga go simolodisa lenaneno la 'home remedial' kwa sekoleng se se botlana sa Makolo, mogokgo o bolela fa le ntsha maduo a mantle fela thata.

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Dimpho Lefhoko a tlhalosa fa ba bona phetogo e ntsi mo maduong a bana fa e sale lenaneo le simolodisiwa. 

Mogokgo o tlhalositse gore pele ga ngwana a simolola lenaneo le, motsadi o tshwanetse go baya monwana go supa fa a dumalana le gore ngwana a le simolole gonne tiro e ngwana a e fiwang ke morutabana e tshwanetse ya dirwa kwa lwapeng ke moithuti a thusiwa ke motsadi.

Fa a tlhalosa ka botlalo ka fa lenaneo le berekeng ka teng, Mme Dimpho a re morutabana o ruta fela jaaka malatsi otlhe go fitlhelela maikaelelo a thuto e a e rutang, e re morago a fe baithuti dintlha tsa botlhokwa tse di salwang morago ke dipotso tse di tshwanetseng tsa dirwa kwa lwapeng. 

A re go solofelwa gore motsadi a beye monwana kwa tlase go netefatsa tota gore ke boammaaruri ngwana o dirile tiro e bile motsadi o e bone.

Fa go tsenwa kwa sekoleng, go solofelwa gore moithuti a kgone go araba dipotso go supa fa e le ene a di itiretseng mme fa a palelwa go supa fa a diretswe ke motsadi ka jalo  morutabana o tshwanetse go bitsa motsadi a mo lekodisa ka seemo sa ngwana le ka fa ba ka se tokafatsang ka teng.  

Mogokgo o tsweletse a tlhalosa fa batsadi ba sa rotloediwe go direla bana ba bone tiro, ka a re go dira jalo go ka bakela moithuti mathata ka nako ya ditlhatlhobo ka o tlaa bo a sa tlhaloganya sepe ntswa a dirile sentle ka fa tlase ga lenaneo le.

Molomaganya lenaneo, Rre Alfred Kagisanyo o boletse fa lenaneo le atlegile fela thata e bile le ba tswela mosola ka dipotso tse baithuti ba di fiwang di itebagantse le thuto e ngwana a e rutilweng, ka jalo di bula tlhaloganyo ya moithuti  mme ere fa a tla go kopana le ditlhatlhobo tsa makgaolakgang go nne motlhofo go araba.

O tlhalositse fa lenaneo le tswetse phatlha e e neng e le teng fa gare ga batsadi, barutabana le baithuti ka a re fa go na le phoso e kgona go lemosega ka bofefo, a tlhalosa gape fa motsadi a tshwanetse go tla sekoleng setlha sengwe le sengwe go bona ka fa ngwana a tsweletseng ka teng.  

Rre Kagisanyo o tlhalositse gore ba simolodisitse lenaneo le mo mophatong wa borataro, mme mo nakong eno baithuti bao ba dira sentle fela thata e bile ke bone ba gaisang sekole sotlhe.

A re ntswa dikgwetlho di le teng tse di akaretsang go goga dinao ga batsadi bangwe go tla go saenela bana le go tlhaela ga dibuka mo go felelang go baka gore bana ba di kopanele, ga ba kgobege marapo ka ba ikemiseditse go tokafatsa maduo a sekole seo. 

O tlhalositse fa 83% ya baithuti ba tseneletse lenaneo, ka jalo o gakolotse batsadi ba ba iseng ba tle go saenela bana go dira jalo.

O tsweletse a tlhalosa fa lenaneo le, le kgatlhile dikole tse dingwe mo ba setseng ba tla kwa go bone go tsaya malebela. 

O boletse fa lenaneo le tsala mowa wa botsalano magareng ga morutabana, motsadi le moithuti ka botlhe ba nna seopo sengwe, a tlhalosa fa gape le dira gore batsadi ba kgatlhegele go lekola tiro ya bana. 

O tsweletse gape a tlhalosa fa lenaneo le sa emisetsa a a ntseng a le teng, mme le a tiisa le go feta. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 17 Aug 2014