Ditshefi di tlhoka pabalesego
17 Aug 2014
Balemi ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go tlhomamisa gore ba tshwara ditshefi tse di lwantshang diji le mhero ka kelotlhoko le pabalesego e e kwa godimo, ka di ka nna borai fela thata fa di sa dirisiwe sentle.
Mothusa molemisi wa twantsho diji le mhero kwa Letlhakeng, Rre Shima Ntheetsang, o tlhalositse seo mo thuto-puisanong bosheng, e e neng e tseneletswe ke balemi ba motse wa Takatokwane go ba rutuntsha ka tiriso le tlhokomelo ya ditshefi.
Rre Ntheetsang a re ba bone go tshwanela go rutuntsha balemi ba babotlana ka tiriso le tlhokomelo ya ditshefi, ka puso e thusa balemi ka ditshefi tse di bolayang diji le mhero mo lenaneong la ISPAAD, mme go lebega ba sa ntse ba tlhaela kitso ka tiriso le tlhokomelo ya tsone.
Rre Ntheetsang o gakolotse balemi go tshwara ditshefi ka matsetseleko, ka go netefatsa gore ga di amane ka gope le dijo ka di ka baka malwetse a a farologaneng le gone go latlhegelwa ke botshelo fa di sa tshwarwe ka kelelelo.
O boletse fa go le botlhokwa gore molemi a apare diaparo tsa itshireletso fa a dirisa ditshefi ka jaana di sa tshwanela go amana le letlalo ka gope, le gone go netefatsa gore ba baya ditshefi fa go babalesegileng.
O ne a tswelela gape ka go kaela balemi go kopa bogakolodi mo go tsa temo pele ga ba ya go reka ditshefi dingwe tse ba eletsang go di dirisa.
O gakolotse balemi kgatlhanong le go reka ditshefi tse di sa kwadisiwang ka fa molaong mo lefatsheng leno, a re tse di kwadisitsweng ga di borai thata fa di dirisitswe ka kelotlhoko.
Le fa go ntse jalo, Rre Ntheetsang o gwetlhile balemi go tshwaragana le ba temo-thuo fa ba batla go lwantsha diji, a re fa ba lemoga setshidinyana kwa masimo ba lekodise balemisi gore ba tle ba ba thuse go ise go nne le tshenyo e ntsi.
Fa ba mo kgwa dikgaba, balemi ba supile fa ba itumeletse dithuto tseo, ka jaana ba ne ba sena kitso ka tlhokomelo ya ditshefi le bomosola jwa tsone ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le diji le mhero, mme ba solofetsa fa ba tlaa simolola go di dirisa.
Rre Gakeresepe Moepele wa masimo a Dikole, o lebogetse maiteko a puso a go thusa Batswana ka ISPAAD, a supa fa go le botlhokwa gore balemi ba tseye mananeo ao ka tlhoafalo gore a ba solegele molemo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Thuto puisanyo
Date : 17 Aug 2014