Breaking News

Moruti o rotloetsa lenyalo pele ga tlhakanelo dikobo

14 Aug 2014

Moruti Thapelo Boemo wa kereke ya Healing Waters kwa Francistown a re batho bangwe ba ba iphitlhelang ba tlhakanetse dikobo pele ga lenyalo ba kgona go felela ba le mo seemong se se thata fa ba tshwanetse gore ba tsene mo lenyalong.

E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Moruti Boemo a tlhalosa fa tlhakanelo dikobo  e sa  tshwanela go nna sengwe se batho ba tshamekelang mo go sone kgotsa e le nngwe tsela ya go itlosa bodutu jaaka bangwe ba dira.

Moruti Boemo a re nako le nako fa motho a tlhakanela dikobo le yo mongwe, o fa motho yoo karolo nngwe ya botshelo jwa gagwe. 

Le fa gontse jalo, Moruti Boemo o tlhalositse gore mme fa motho a setse a kile a tlhakanela dikobo kwa ntle ga lenyalo, o ka ikgolola mo meweng e e maswe  ka go ineela mo tumelong le go kopa dithapelo mo baruting go mo golola mo meweng e e sa siamang eo.

Mme Goitseone Garechaba, wa dingwaga tse di masome a matlhano le boferabobedi yo eleng monni wa Francistown, ene a re o tshwenngwa ke gore bana ba gompieno ba ima ba sale bannye. 

A re o dumela mo kgodisong e e siameng ya bana ka jalo o kgothaditse batsadi go tsaya karolo mo go ruteng bana ka tlhakanelo dikobo, ba seka ba tsaya gore ke tiro ya barutabana ba le nosi.

Monni yo mongwe, Rre Ketshepamang Monnaesi le ene a re o tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa boimana mo baneng ba basetsanyana ba ba santseng ba le kwa sekoleng. 

A re selo seo se ba senyetsa bokamoso le gone go ba senya tlhaloganyo tota, mme a re tsela e a bonang e ka thusa ke gore batsadi ba leke go direla bana ba bone gotlhe mo ba ka go kgonang go itsa gore ba ineele borre ba ba tona go ba fa tse ba di tlhokang.

O boletse gore nako tse dingwe bana ba a bo ba na le matlhoko mangwe ba bo ba felela ba ineela borre ba bagolwane ba ba bonang ba ka ba thusa ka tse ba di tlhokang. 

A re mme se segolo se se ka dirwang ke gore borre bao ba tseelwe dikgato tse di gagametseng go feta tse ba ntseng ba di tseelwa le melaetsa e gasiwe go itsise setshaba ka ditlamorago tsa ditiro tsa go nna jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 14 Aug 2014