Breaking News

Balemi ba aba thobo

14 Aug 2014

Balemi ba masimo a Bobonong Bokone ba abetse ba-na-le bogole le batlhoki ba le lesome le bobedi dikgetsi di le masome a mane le bobedi gore le bone ba kgone go akola temo le fa ba sa nna lesego la go lema.

Molaodi wa kgaolo ya Bobirwa, Rre Gotewang Senwedi o tlhalositse fa dijo tse ba di abileng di le botlhokwa ka di thusa Batswana ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O ba rotloeditse gore ba kopane le balemi ba dikgaolo tse dingwe mo Bobonong gammogo le bagwebi   gore ba pataganela tiro e ya go aba. 

A re o mo tlotlo fela thata ka se ba se dirileng gonne go ise go diragala sepe sa mofuta o  kwa dikgaolong tse a tswang kwa go tsone. 

Molemisi wa kgaolo eo, Mme Galesite Thalefang o boletse gore ka ba bone temo e ntsi monongwaga, ba bone go le maleba go abela ba-na-le bogole le ba ba tlhokileng lesego la go bona thobo dikgetsi tsa mmidi, phaletshe le mabele di le lesome le bone nngwe le nngwe ya tsone.

Modulasetilo wa komiti ya balemi ba Bobonong Bokone, Rre Balotlhanyi Dintwa a re ba kgonne tiro eo ka go dira mmogo ele balemi  ba masimo a Masung, Ntsakateng, Sekgoptswe, Mmaditshwene, Ntshimanyane, Lepokole, Mothwane, Leribe, Bolopela, Keisane, Nchimanyane, le Matsaganeng.

Mokhanselara wa Borotsi, Rre Lemphositse Sepelong o tlhalositse gore se ba se dirileng se supa lorato le kutlwelo botlhoko jalo a ba rotloetsa go tshwaragana  go tswelela ba dira mmogo le go dira meriti ka lenaneo la Ipelegeng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Kabo dimpho

Date : 14 Aug 2014