Kgosi o lela ka botho jwa banana
14 Aug 2014
Banana bangwe ba Palapye ba tshedisa banni ba koo mo letshogong ka ba tsamaya ba ba tlhorontsha.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Potlako Boapotswe Ketlogetswe wa kgotla ya Madiba kwa Palapye a re ga a robatswe ke maitsholo a banana, segolo bogolo ba kgotla ya gagwe.
O boletse fa banana ba, ba ipitsa Mashari le Mabokohara mme ba inaakantse le botlhoka tsebe, go sa tlotleng batsadi, go lwa, go tsamaya ba betsa batho, bogodu, go dira boithatelo le lenyatso gammogo le go nwa bojalwa phetelela mo go ba bayang mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetsi a tshwana le HIV/AIDS.
Kgosi Ketlogetswe o tlhalositse fa digongwana tse tsa banana di tsamaya di bolaya di bo di rekisa leruo la batho, di dira lenyatso mo dintshong ka go tlhatlola dipoto tsa nama ba bo ba e e ja gammogo le go betsa batho mo motseng le kwa maitisong.
O tsweletse a re ka ntlha ya maitsholo a makgphila a, morafe o setse o tshaba go tsamaya mo motseng maitseboa le baeng ba tshaba go tla diphitlhong kwa Palapye.
Kgosi a re go tlhabisa ditlhong e bile go utlwisa botlhoko go bona bana fela ba ba santseng ba le ba botlana ba itshenyetsa bokamoso ka go ipitsa ka maina a ditsuolodi e bile ba inaakantse le go gogagoga leina la motse wa bone mo seretseng ntswa go na le mananeo a puso a ba ka itshetsang ka one.
A re banana ga ba na tlotlo mo batsading gotlhelele e bile ga ba kgalemelesege, a tlhalosa fa ba sa dumedise batsadi, mme e bileng ba kgona go sunana fela fa pele ga bone ere ba kgalemiwa ba botse mogolo gore a o tswa pelo.
O supile batsadi ka monwana a tlhalosa fa ba na le seabe se setona mo go tlhokeng tsebe ga bana ka a re ba ba paledisa go laola seemo le go dira tiro ya bone ka botlalo.
A re go na le gore ba thusane bana, ba ba kgarameletsa kwa kgotleng ba bolela fa ba ba tshaba, mme fa bana ba tshwanetse go ya kgolegelong batsadi e ntse ele bone ba a ba golola, ba re ba kopa gore ba kgalemelwe fela ba bo ba tlogelwa, mme morago ga moo ba tswelela ka go dira melato e mengwe.
Kgosi Ketlogetswe a re ele ba bogosi ga ba a sireletsega, e bile ba setse ba tshaba go sekisa bana ba phuthulogile ka ke diganka.
A re banana bao ba dira molato fela mme fa ba biletswa kwa kgotleng ga ba tle e bile ba ipoka gore bone ga ba sekisiwe ke dikgosinyana.
Le fa ntswa a tlhalosa gore ekete seemo se a tokafala, o kopa puso go ntsha mapodise a a tla theogelelang kwa dikgotleng tse dinnye gore ere fa ba sekisa ba bo ba na le bone nako tsotlhe.
Mo godimo ga moo a re puso e ba fe tetla ya go kgwathisa ka ba setse ba tswewa ele ditshosa fela tse di ntseng mo dikgotleng ka go itsiwe gore ga ba na dikatlholo dipe tse di gagametseng.
O boletse fa Palapye a na le ditlhabololo tse di ngokang batho go tswa kwa mafelong a mangwe jalo a kopa batsadi go emela bana ba bone ka dinao ka a bolela fa a batla go bona seemo se se nyeletse batho ba tshela ka tshosologo.
Kgosi Ketlogetswe o tsweletse a tlhalosa fa a tshwenngwa gape ke batho ba ba neelang batswakwa ba ba tseneng mo lefatsheng e se ka fa molaong boroko mo malapeng a bone.
A re ba setse ba kile ba tshwaragana le bothata jwa dintsho tsa batswakwa tse di ileng tsa ba pateletsa go ba kopela mabitla mono ka go sa itsewe masika a bone.
O tlhalositse fa batho ba ba felela ba amega mo borukutlhing fa ba setse ba bolawa ke tlala jalo a kopa ba sepodise go ba thusa ka seemo se. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Priscilla Kgang
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 14 Aug 2014