Breaking News

Puso e tsibogela kanamo ya Ebola

13 Aug 2014

Go bolelwa fa puso e itlamile go laola mesepele ya batho go tswa kwa mafelong a a amilweng ke bolwetse jwa Ebola.

Fa a buisa babega dikgang mo Gaborone, mothusa mokwaledi wa lephata la botsogo, Mme Shenaaz El-Halabi o boletse gore taolo mesepele e, e tla nna teng go fitlhelela bolwetse jwa Ebola bo kgona go laolesega.

O tsweletse a re go amogana mananeo le ithutuntsho ga badirela puso fa gare ga mafatshe a amilweng ke bolwetse jo le la Botswana le yone e santse e emisitswe ka nakwana.

Mme El-Halabi a re mo nakong eno bolwetse joo bo tlhagogile kwa mafatsheng a bophirima jwa Aferika a akaretsa Guinea-Conakry, Liberia, Sierra Leone le Nigeria. 

Batswana ba ba tlang gae ba tswa kwa mafatsheng a a amilweng ke bolwetse jo ba tlhatlhojwa mo go tseneletseng mme ba go belaelwang fa ba ka tswa ba amilwe ke bolwetse jo ba isiwa kwa mafelong a a tlhaotsweng.

Mme El-Halabi a re dikgetse tsa balwetse ba Ebola mo mafatsheng a a amegileng di 1848 go akaretsa le dintsho di le 1013. O tsweletse a re go ka kgonagala gore dipalo tsa mafatshe a a amegileng di oketsege fa bolwetse jo bo ka seke jwa laolesega sentle ka jalo puso e tsweletse ka go batla ditsela tsa go laola bolwetse jo.

A re mo nakong eno lephata la botsogo le dule ka lenaneo le batsaya karolo ka go farologana go kganela go tla ga bolwetse jo mo lefatsheng leno le go tswa ka maano a a itebagantseng le go tlhagoga ga jone.

Mananeo a akaretsa go tlhatlhoba mo go tseneletseng, go laola kanamo ya bolwetse, go tsibosa setshaba, go gagamatsa le go netefatsa mafelo a a kgethilweng.

A re go nale komiti e e setseng e tlhophile go itebaganya le bolwetse jo e e tlhamilweng ka ba nale seabe ba ba farologaneng. A re go botlhokwa gore mohama o o ikemetseng o nne le seabe, dimoshara tse di tsenyang batho ba ba tlhokafalelang kwa ntle ga dipatela le setshaba ka kakaretso go tlhomamisa gore go tlhaloganngwa bolwetse jo botoka.

O tsweletse a re go setse go ntshitswe kitso e e maleba, dithuto le melaetsa go netefatsa gore setshaba se tsibosiwa ka tlhagogo ya bolwetse jo.

A re setshaba se tlhagisiwa go emisa go etela mafatshe a a amilweng le bolwetse jo mme e bile lephata le tsweletse ka go baya seemo se leitlho mme le tla tswelela le ntsha dipego ka jone

Go oketsega ga dipalo tsa balwetse ba Ebola le mafelo a e tlhasetseng mo go one mo mafatsheng a a amegileng go okeditse kgonagala ya gore bo ka anama. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya babega dikgang

Date : 13 Aug 2014