Matimela ke mokgweleo mo dikhanseleng
13 Aug 2014
Balemi-barui ba metse ya Molapowabojang le Digawana ba kopile gore matimela a busetswe mo lephateng la temo-thuo, e nne bone ba a tlhokomelang ka gore ke bone ba itseng thata ka leruo go na le khansele.
Ba re lephata la temo-thuo ke lone le nang le ditshipi le bo Omang ba dikgomo ka jalo le tshwanetse go leletsa beng ba dikgomo go tla go di tsaya.
Mo phuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Ngwaketse Borwa, Rre Peter Siele bosheng ba boletse fa P2 wa tlhogo ya kgomo a le monnye fela thata ka jalo ba re go tshwanetse go okediwe e nne P5.
Ba supile gape fa dikgwedi tse dikgomo di di tsayang di le kwa masakeng a matimela di le dintsi thata ka jalo ba batla di fokodiwa. Bangwe ba dumalane fa dikhansele di babaletswe thata ka gore di duelela go phutha leruo, go disa, go le jesa dijo, go le nosa ga mmogo le go duela badisa.
Ba boletse gape fa melemo ya leruo le yone e tura mo go maswe ka jalo ba dumela fa molao o tshwanetse go fetolwa ka ba re o siilwe ke nako.
Mo dikgannye tse dingwe, Mopalamente Siele o lebogile batlhophi ba kgaolo eo ka a bolela fa a gogile le bone ka botswapelo le kagiso mo dingwageng tse di lesome, mme a tla bo a neela moemedi yo mongwe go tsweledisa tema.
O lebogetse banni bao go dira mmogo ka bopelotelele, mme le bone ba bolela fa a tshwanetse go tsena mo dibukeng tsa ditso ka a tshwere dikgang tsa bogosi ka manontlhotlho mo lefatsheng leno
Rre Siele o ne a abela baithuti ba sekole se se segolwane sa Chichi ba le masome a mabedi le borataro digalase tsa matlho tse di neng di ntshiwa ke ba Lobatse Lions Club, morago ga go ba tlhatlhoba matlho mahala. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Aug 2014