Breaking News

Madi a ditlhabololo ga a dirisiwe sentle

13 Aug 2014

Puso e lemogile fa bontsi jwa madi a a neelwang dikgaolo go dira ditlhabololo tse di ka tlhamelang banni mebereko a felela a sa dirisiwe sentle, go bo go tlhoke le ene yo o tsayang boikarabelo.

Mokwaledi wa khansele ya ditlhabololo tsa dikgaolo ya matona a puso, Mme Pearl Matome o tlhaloseditse banni ba Tamasane mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tautona gore maikaelelo a lekgotla leo, le modulasetilo wa lone eleng Dr Ponatshego Kedikilwe, ke go itse ditiro tsotlhe tse di mo dikgaolong, botsogo jwa tsone le gore di ka tsosolosiwa jang go tswela setshaba molemo.

Mme Matome o boletse gore konokono ya kgang ke go tsosolosa ditiro tsa morafe kwa dikgaolong, a a fa sekai ka lekgotla la Tamasane Development Association le tse dingwe tse di kileng tsa bo di tumile thata.

Molomaganya ditiro tsa nyeletso lehuma, Rre Sumbe Ongadile o tlhaloseditse fa motho ale mongwe mo go ba ba thusiwang a sa dirise madi a a kwa tlase ga P10 000, a jaanong a okeditswe go nna P15 000. 

Rre Ongadile a re maikaelelo a puso ke go tsholetsa serite sa Motswana mongwe le mongwe fa a leng teng. E ne e rile go le pele motshwara madi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Walter Ntuluki, a fa pego mo boemong ja modulasetilo a supa fa ba dirisitse P26 604 .00 go gokela motlakase mo matlong a le mabedi ele bontlha bongwe ja 28 000 yo  ba mo  kgobokantseng ka mogwanto.

Rre Ntuluki o supile gape fa motse o nale metsi le fa go na le dipompo dingwe tsa morafe tse di sa direng. O ba gakolotse go kentela leruo la bone kwatsi le serotswana, jalo a kgothatsa barui go ikopanya le boralephalo go ya go tsaya melemo go tla go ikentela. 

O tsweletse a supa fa bodiredi ja kgaolo bo dirisana le bone sentle thata mme a rotloetsa banana go inaakanya le mananeo a puso go itlhabolola le go tlhamela ba bangwe ditiro go na le go baya matshelo a bone mo  Ipelegeng.

Mo mafokong a gagwe a tebogo, mokhanselara Rre Ketlogetse Sekwati o kopile Rre Kedikilwe gore le fa a ya go itapolosa a seka a ba lebala ka ba tlhokana le dikgakololo tsa gagwe.

A re o lebogela sebaka se ba se ntseng le ene ele mopalamente le go mo ruta tsamaiso le tirisano mmogo le morafe mme a mo abela kgomo go mo tsamaisa sentle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Aug 2014