Barulaganyi ba mabelo a dipitse ba kopa kemonokeng
13 Aug 2014
Ba komiti ya Kokotsha ba dikgaisano tsa mabelo a dipitse ba kopile kemo nokeng go tswa mo dikhamphaning le beng ba madirelo le setshaba ka kakaretso mo lefetsheng leno ka seo seka ba thusa thata mo kgodisong ya dikgaisano tsa dipitse tse ba di tshwarang ngwaga le ngwaga.
Kopo e, e ntshitswe ke modulasetilo wa komiti eo Rre Jan Vissagie mo dikgaisanong tseo kwa Kokotsha bosheng.
Modulasetilo wa komiti eo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba ne ba simolola go tshwara dikgaisano tseo ka malatsi a boitapoloso go simolola ka ngwaga wa 1996 e le tsela nngwe ya go kokoanya setshaba golo go le gongwe go itlosa bodutu le gone go ntsha banana mo ditirong tse di duleng mo tseleng.
Rre Vissagie o supile fa dikgaisano tseo di atlega le go gola ngwaga le ngwaga ka e bile di ratwa thata ke banni ba Kgalagadi, a kaya fa ba ne ba kgona go kokoanya madi a a fetang P50 000.00 ngwaga oo fetileng mo dikgaisanong tseo.
A re mo nakong ya gompieno ba tshwarela dikgaisano tseo mo setsheng se se beilweng semmuso ke ba lekgotla la kabo ditsha ka ngwaga wa 2000.
O kaile fa ba ne ba tlhopha gape le komiti e e tsamaisang dikgaisano tseo e e nang le maloko a le lesome le bobedi mme e tlhophololwa morago ga ngwaga tse pedi.
Modulasetilo o ikuetse mo bagwebing go ba ema nokeng ka go ka ba kgontsha go tlhabolola mokgatlho wa bone wa mabelo a dipitse, a kaya fa mo nakong ya gompieno ba tshwanelwa ke go duela ba ba tseneletseng dikgaisano ka madi a go tsenwang ka one le a metlaagana.
Rre Vissagie o boletse fa kgwetlho e tona e ba lebaneng e le ya letlhoko la madi go baakanyetswa lebala le tse dingwe.O kaile fa maikaelelo a bone e le go thusa ba ba kobo dikhutshwane bogolo jang mo motseng wa bone, e le tsela nngwe ya go araba mokgosi wa ga tautona wa lefatshe leno wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Go le pele fa a amogela baeng kgosi ya motse oo, Kgosi Sampson Kudume, o ne a supa fa motse oo, o le monnye mme o tlotlomaditswe ke mabelo a dipitse, a kaya fa banni ba le bone ba kgona go nwa moro wa dikgaisano tseo.
Kgosi o ne a akgola morafe wa motse wa gagwe ka mowa wa lerato, kutlwano, tshwaragano le tirisanommogo tse ba nang le tsone, a gatelela fa di ka ba kgontsha go tlhabolola le go godisa motse wa bone.
Mongwe wa bagwebi ba ba botlana ba ba neng ba rekisa mo letsatsing leo, Mme Cathrine Tities, o ne a supa fa mo ngwageng ono ba bone dipoelo tse di botoka fa go tshwantshanngwa le ngwaga oo fetileng ka go ne go fokoditswe dipalo tsa metlaagana le gore tshologelo ya batho e ne e le e e kwa godimo fela thata.
Dikgaisano tse di ne di tseneletswe ke dipitse di le masome a matlhano le boferabobedi tsa letsopa la Tswana le Thorough, tse di neng di tswa kwa mafatsheng a baagisanyi e leng Namibia le Aferika Borwa, metse ya Jwaneng, Kokotsha, Werda, Bray, Makopong le Bokspits.
Dipitse tse di ne di siana lobelo go simolola ka lwa 400m go ema ka 2400m.Bontsi jwa dipitse tsa Kokotsha tsa letsopa la Tswana di ne tsa supa bokgoni jwa tsone ka go ikgapela maemo a ntlha mo lobelong lwa 400m, 800m,1000m, 1200,1400,1600 le 2400m.
Dipitse tsa Jwaneng di ne di laola dikgaisano tseo ka go tsaya maemo a ntlha mo mabelong a 1000m, 1200m, 1600m le 2000m. Bafenyi botlhe ba ne ba atswiwa ka dimpho tsa madi tse di farologaneng go ya ka mabelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : KOKOTSHA
Event : Mabelo a dipitse
Date : 13 Aug 2014






