Ba Takatokwane ga ba tsene diphuthego
13 Aug 2014
Kgosi Motsiele Tsiane wa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re ga a itumedisiwe ke mokgwa o o supiwang ke banni ba motse wa gagwe wa go itlhokomolosa diphuthego tsa kgotla.
Kgosi Tsiane o ntshitse matshwenyego a mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke ba ofisi ya ditlhopho go tswa Letlhakeng, go tla go rutuntsha banni bao ka tsamaiso ya ditlhopho.
A re banni ba motse wa gagwe ba maoto a tshupa go tsibogela diphuthego le fa go dirilwe maiteko a go ba laletsa, selo se a reng se baya banni bao ka fa mosing ka jaana ba fetwa ke mananeo a puso le dikgang tsa botlhokwa tse di amoganwang kwa kgotleng e bile di ama matshelo a bone.
A re go makgetho a le mmalwa maphata a puso a tshwara diphuthego mo kgotleng ya gagwe go itsese setshaba ka mananeo le ditirelo tsa puso, mme diphuthego di seke di atlege ka morafe o sa tsenelele; mme e re morago ba ngongorege ka go tlhoka kitso ka mananeo a puso.
Kgosi Tsiane a re batho ba le bantsi ga ba itse ka mananeo a puso, segolo jang a a ka ba namolang mo lehumeng ka gore ga ba tsenelele diphuthego.
O ne a supa fa mokgwa o, o sa siama, ka go dira jalo e le go ithontsha ditshwanelo le kitso ka dithuso le mananeo a puso e tlang ka one go leka go lwantsha lehuma.
A re seemo se, se mo tshwentse fela thata fa a lebeletse gore banni ba motse oo ba bantsi ka palo mme diphuthego tsa kgotla di tsenelelwa fela ke manotonyana, e bile go supagala fa mowa oo, o golela pele.
Kgosi o ne a tswelela ka go supa fa seo e le go nyatsa kgosi le lekgotla. A re kgotla ke lefelo le le botlhokwa le le tshwanetseng go tlotlwa ka go buelwa merero yotlhe ya botlhokwa teng.
A re go botlhokwa gore kgosi le morafe ba kopanele kwa kgotleng go rerisana ka tsa motse, ka morero e le selo sa botlhokwa mme e bile fa go na le therisanyo go se kake ga nna le dingongora dipe.
O boletse fa tshwaragano fa gare ga morafe le bogosi e le botlhokwa e bile motse o ka se tlhabologe fa motse o sa tseye kgotla ka tlhwaafalo.
O kopile morafe wa gagwe go emisa mokgwa oo ka ponyo ya leitlho ka jaana go tlhabologa le go tswelelapele ga motse go le mo maruding a bone, mme a supa fa seo se ka atlega fela fa morafe o goga ele seopo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelley Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Aug 2014






