Breaking News

Ba ngongorega ka ditsela

13 Aug 2014

Banni ba Dibete, Mookane le Mmaphashalala ba re ere ka Setswana se re ‘moseka phofu ya gaabo ga swe lentswe’, ba tla tswelela ka go kopa mopalamente wa bone go tshwenya puso ka go tshela ditsela tsa kgaolo eo sekonotere.

Ba boletse se, mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, gore ere ntswa ba sale ba solofeditswe fa ditsela tseo di tla tshelwa sekonotere mo dingwageng tse di fetileng, ba swabisiwa ke go bona puso ele moriti o tsididi mabapi le go tokafatsa seemo sa ditsela tseo; tse ba tlhalositseng fa di sa tsamaege ntateng ya dikhuti

Ba re fa puso e ka tshela tsela e tshwaraganyang metse ya Dibete, Mookane, Mmaphashalala, Dovedale, Kudumatse, Makwate le Machaneng sekonotere, e tlaabo e imolotse batho ba ba tswang mo Botswana go ya Aferika Borwa le ba ba tswang kwa lefatsheng leo go tsena mono mokgweleo wa go tsamaya mosepele o moleele go ya go kgabaganya molelwane kwa Martins-Drift boemong jwa go dirisa molelwane wa Parshalt.

Le fa banni ba metse eo ba itumeletse ditlhabololo tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng le nyeletso lehuma mo metseng ya bone, ba ngongoregetse tiego ya go thusa batho ba ba ikopetseng mananeo ao, letlhoko la motlakase mo dikagong tsa mmuso, tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso, tlhaelo ya metsi, ba bo ba tlhalosa fa le bone ba eletsa go bona tautona a etetse metse ya bone.

Ba tsweletse ka go akgolela mopalamente wa bone go dirisana le bone sentle mo dingwageng tse tlhano tse ba neng ba mo tlhophile go nna moemedi wa bone kwa palamenteng ka jaana a kgonne go thusa batho bale bantsi mo kgaolong ya gagwe ka lenaneo la nyeletso lehuma le LIMID go tlhabolola matshelo a bone.

E rile Mme Tshireletso a buisa diphuthego tseo, a solofetsa fa ditsela tsa kgaolo eo di tla tshelwa sekonotere fa seemo sa itsholelo se ka tokafala.

A re ere ntswa tsela e tshwraganyang metse eo ene ele mo lenaneong la go dirwa, sebe sa phiri e nnile letlhoko la madi le le bakilweng ke go phutlhama ga itsholelo ya mafatshe mo go neng ga pateletsa mmuso go seegela ditiro dingwe kwa thoko

Mme Tshireletso o tsweletse ka go kgothatsa batlhophi ba kgaolo ya gagwe go ipaakanyetsa ditlhopho tsa setshaba tse di tla tshwarwang kgwedi ya Phalane ele masome a mabedi le bone monongwaga gore ba kgone go ya go dirisa tshwanelo ya bone ka go tlhopha baemedi ba ba bonang bana le bokgoni jwa go tsamaisa merero ya lefatshe leno.

Kgosi ya Mmaphashalala Rre Captain Kemmapatse Bagatiseng o kopile baemedi ba setshaba jaaka bontlhopheng ba diphathi tsa sepolotiki go itshwara sentle le go dirisa mafoko a ka sekang a tswebera maikutlo a batho ba bangwe.

 A re ere ntswa ba sena tshwanelo ya go akgela mo dipolotiking ele magosi le setshaba, ba tshwenngwa ke mapolotiki a jaanong ba dirisang sepolotiki mo mafelong a setshaba jaaka dikgotla. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Aug 2014