A bosupi bo tshwarwe sentle
13 Aug 2014
Ke tshwanelo gore fa go dirwa ditlhotlhomiso tsa borukhutlhi bongwe le bongwe go tseewe sepe se se ka dirisiwang ele bosupi fa pele ga lekgotla go thusa mo go atlholeng badira molato.
Fa a bua mo thuto seka dipuisanong e e neng e itebagantse le go lwantsha bogodu jwa leruo mo kgaolong ya Legare, mosekisi yo lebaganeng le tsa leruo go tswa mo lephateng la bosekisi jwa setshaba, Rre Onkutule Gaselape, a re ele batlhotlhomisi le ba bosekisi ba itemogetse gore mo mabakeng a le mmalwa ba latlhegelwa ke dikgetsi tsa tsheko ka mabaka a go latlhelela kgotsa go sa tshwara bosupi ka matsetseleko.
Mosekisi Gaselape a re matlalo a dikgomo tsa bogodu a a tseewang mo badira melatong ga a tshwarwe sentle ka a kgona go bewa mo ditlhareng fa eleng gore a kgona go nyelela, go bo go sa itsewe gore a ka tswa a tserwe ke badira molato kgotsa ke dibatana.
O boletse fa go na le diemo tse o fitlhelang bangongoregi ba fiwa kgotsa ba busediwa dilo tse di tshwanetseng go dirisiwa ele bosupi kwa kgotla tshekelong di tshwana le dikgomo, a bo e re fa tsheko e setse e ya go tsena go fitlhelwe di tshwailwe, di bolailwe kana go twe ga di bonwe; mme se se pateletse gore kgang e tshololwe ka bosupi bo a bo bo tlhaela kgotsa bo kgotlhelesegile.
A re go ngomola pelo ka fa ba sepodise ba sa tlhokomeleng bosupi ka teng ka bo kgona go nyelelela mo dikantorong tsa bone, kwa go tsweewang gore bo babalesegile e bile bo kgona go felela bo tlhakatlhakane go sa tlhole go itsewe gore eng ke eng.
O ntshitse kopo ya gore bosupi bo tseewe dinepe ka ele tsone fela di ka ba thusang fa go setse go nna le marara.
Fa a tswelela o ne a re bosupi bo ngaparediwe kgotsa bo direlwe mokwalo o o bonalang, le gore mongwe le mongwe yo o amanang le jone a rurifatse seo ka mokwalo ka go sa dira jalo go ka ama boleng jwa kgetsi kwa kgotla tshekelong.
Rre Gaselape a re ele ba bosekisi le bone ke batho ba ba nang le maikutlo, a tlhalosa fa ba utlwa botlhoko tota fa ba bona Batswana ba amogwa leruo la bone le ba le kokotletsang ka tshokolo motlhofo ke magodu a leruo, ka ba fenya dikgetsi ba bo ba itsamaela fela ba sa bonwa molato ka lebaka fela la go sa tshwara . Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Priscilla Kgang
Location : PALAPYE
Event : Thuto puisanyo
Date : 13 Aug 2014