Banni ba akgola Kedikilwe
12 Aug 2014
Batlhophi ba kgaolo ya Mmadinare ba galaleditse mothusa tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe go bo a le pelonomi, e le senatla e bile a na le neelano le tirisano mmogo le bone mo dingwageng tse a saleng a ba emela ka tsone.
Ba tsweletse ba re Dr Kedikilwe ke motho yo o pelotelele, e bile a na le lerato la go direla kgaolo ka botswapelo.
Ba tsweletse ba bolela fa therisano le bone e ne ele selo sa metlha mme selo segolo se a neng a batla go se direla batho ba gagwe ele go ba siela metsi ka a ne a tshela ka go supa gore fa a ka palelwa ke go dira jalo go tla bo go sena sepe se a ka ipeelang ka sone.
Mme Kekgopye Metholo o boletse gore ba tla a gakologelwa mothusa tautona ka dinyao le Setswana se se tlhapileng ka nako tsotlhe fa a buisana le bone mme e bile a supa fa a ba tsiseditse ditlhabololo mo kgaolong ya bone di akaretsa ditsela tsa sekontere, metsi le motlakase.
E ne yare a tswa la gagwe, mothusa tautona a tlhalosa fa ditlhabololo ele monama o ya, ka ga gona fa di felelang teng, a re di tshwana le lebelo la neeletsano le yo mongwe a tabogang mme fa a lapa o neela yo mongwe.
Fa a itebaganya le kgang ya dikgomo tse di senyang mo masimong, o tlhalositse gore go tserwe tshwetso ya gore makgotla a a lebaganeng le ditsheko tsa bogodu ja leruo le one majo kwa masimong e nne dikgotla tsa Setswana.
A re mananeo a temo-thuo a diretswe go thusa Batswana jalo a kopa gore a dirisiwe go tokafatsa seemo sa temo thuo mo lefatsheng leno ka go ntsha dijo, leruo, merogo le maungo a nang le boleng.
A re gone ga dirwa ditshekatsheko mo mafelong a le 52, mme mo nakong eno go tla a simololwa ka ale 12, a go tla a isiwang ditlamelo kwa go one go godisa mohama wa temo-thuo jaaka go tla a dirwa kwa kgaolong ya Mmadinare kwa Motloutse go gokela motlakase le go goga metsi.
Fa a ama ditlhabololo tse di leng teng mo lefatsheng leno, Rre Kedikilwe o boletse fa lekalana la Botswana Oil le tlhomile mabeelo a leokwane kwa Rasesa mo kgaolong ya Kgatleng.
O boletse gape gore lebala la difofane la Sir Seretse le a atolosiwa go ngoka bagwebi gore ba tle ba tlhamaletse go fokatsa madiadia a a nnang teng mo nakong eno.
O boletse fa moepo wa magala wa Morupule o ntsha dithane di le 200 000 billion ke sone se puso e boneng go le molemo go a rekisetsa mafatshe a mangwe jaaka Namibia, ele bontlha bongwe ja go aga, go godisa le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno go e somarelela dikokomane.
Rre Kedikilwe o rotloeditse batlhophi go tsaya ditlhopho ka tlhoafalo le go babalela dikarata tsa ikwadisetso ditlhopho gammogo le go sekaseka gore boOmang ba bone ba sale mo tirisong.
O ba tlhagisitse go ikela tlhoko ka nako e ke ya ipapatso e batho ba simolotseng maretshwa a go ba amoga dikarata tsa bone tsa ditlhopho kana boOmang ba re go baakanngwa sengwe.
O lebogile botlhe ba a dirileng le bone mo nakong e a e ntseng mo kgaolong ba akaretsa batlhophi le badirela puso, a bolela fa ele bone ba dirileng gore a kgone go fitlhelela maikaelelo a ditlhabololo tsa metse ya bone ka kemo nokeng e ba neng ba mo e neela ka dinako tsotlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya sepolotiki
Date : 12 Aug 2014