Banni ba kopilwe go dirisa tshwanelo ya go tlhopha
12 Aug 2014
Banni ba Takatokwane kwa kgaolong ya potlana ya Letlhakeng ba gwetlhilwe go tlhomamisa gore ba diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha mo ditlhophong tse di tlang gonne tlhopho ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe e bile ke tsela e motho a ka supang dikeletso tsa gagwe ka yone.
Mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya ditlhopho go rutuntsha banni ba motse oo ka tsamaiso ya ditlhopho, mogolwane wa ofisi ya ditlhopho go tswa Letlhakeng, Rre Gakenosi Motshwarakgole o boletse fa go le botlhokwa thata gore Batswana ba tlhaloganye fa tlhopho e le yone tsela e motho a ka supang dikeletso tsa gagwe ka yone, ka jalo a ba lemotsha fa go le mo maruding a bone go tlhopha puso e ba e eletsang.
A re go tlhopha go botlhokwa thata ka ke tsela ya go feela gore ditlhabololo le ditlamelo di nne teng.
O gakolotse batlhophi go itse fa ba na le ditshwanelo ka jalo a ba tlhagisa gore ba seka ba itetlelela go sukurwa ke mapolotiki ka letsatsi la ditlhopho gonne le botlhokwa mo go bone e bile le kgona go fetola matshelo a bone.
O ba gakolotse gape go tlhomamisa gore bo Omang ba bone ba nna fa go babalesegileng le gore ba tla bo ba le mo tirisong ka nako ya ditlhopho, mme a kopa ba ba latlhegetsweng ke dikarata tsa go tlhopha go ikgolaganya le ofisi ya ditlhopho go dira meriti ya tsone.
Rre Motshwarakgole o gakolotse bontlhopheng go tshwaragana le ba ofisi ya ditlhopho go rutuntsha setshaba ka bomosola jwa go tlhopha gore molaetsa o goroge sentle kwa setshabeng ka jaana go tlhokana le gore ba-na-le seabe botlhe ba tsenye letsogo mo go fetisetseng molaetsa wa go tlhopha kwa setshabeng.
E rile ba akgela, banni ba supa fa go lebega bangwe ba santse ba tlhaela kitso ka go tlhopha.
Rre Thomas Batlhophi o boletse fa bangwe ba sa tlhophe gotlhelele ka ba sa tlhaloganye mosola wa go tlhopha ka jalo a ikuela mo go ba ofisi ya ditlhopho gore e re mo isagong ba rutuntshe setshaba ka mosola wa go tlhopha nako e sale teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya go ruta ka ditlhopho
Date : 12 Aug 2014