Breaking News

Selebi Phikwe o ipaakanyetsa boipuso

12 Aug 2014

Batswana ba kgothaditswe go rata lefatshe la bone le go le tlhokomela gore dikokomane tse di tlang di tsoge di le akola.

Fa a bua mo moletlong o o neng o tshwaretswe kwa mmolong wa Selebi Phikwe bosheng go tshwaya tshimolodiso ya go apara mebala ya folaga ya Botswana Labotlhano mongwe le mongwe go fitlhelela letsatsi la boipuso, ratoropo Rre Tebogo Matlhogonolo o tlhalositse fa letsatsi leo le tshwerwe ka moono o o reng, Botswana pele, go raya gore mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego ya go tsamaisa lefatshe o tshwanetse go le rata pele.

Molaodi wa Selebi Phikwe, Rre Orapeleng Modimoopelo o tlhalositse gore ba mo mosepeleng wa go ya 2016 fa Botswana a tla a bo a ipelela dingwaga tse di masome a matlhano, ka jalo ke keletso ya bone gore Motswana mongwe le mongwe a bo a kgona go gakologelwa ngwao ya gaabo e tshwana le meopelo, kapari le jone tota boitshwaro.

A re batho ba tshwanetse go tsosolosa ngwao le sone serodumo le go rokotsa boitumelo ka letsatsi la boipuso. O tlhalositse gore Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go bonwa ka kapari ya Botswana e tshwana le matlalo, mateisi le tse dingwe. 

Rre Modimoopelo o tlhalositse fa ba tla a tswelela ba tshwara meletlo mo dikgotleng tse di farologaneng di akaretsa ya Botshabelo le Kagiso pele ga letsatsi la boipuso go ikgakolola ngwao le meopelo ya Setswana.

O  tlhalositse gore tshimolodiso ya mmala wa Botswana e raya gore mongwe le mongwe o tshwanetse go nna motlotlo ka go apara mmala wa lefatshe la Botswana le mo diofising tse ba direlang mo go tsone tota.

Letsatsi le ne la natifisiwa ka go supa kapari ya Setswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego

Date : 12 Aug 2014