Breaking News

Lephata le ruta badiri ka HIVAIDS

12 Aug 2014

E ne ya re bosheng ba lephata la pereko le selegae ba tshwara letsatsi la go rutuntsha babereki ka tse di amang mogare wa HIV le ka fa ba tshwanetseng go itshwara le go tshwara ba ba amegileng ka teng.

E rile a amogela batsena moletlo oo, mookamedi wa lephata la pereko le selegae mo Selebi Phikwe, Rre Mothusi Komane, a tlhalosa fa mogare wa HIV o le kwa godimo mo toropong ya Selebi Phikwe, mo go tlhokang gore Batswana ba fetole boitshwaro jwa bone.

O tlhalositse fa HIV/AIDS e gapa badiri mo ditirong ka go farologana, ke ka moo ba boneng go le maleba go dira thulaganyo ya go laletsa bana le seabe go tla go tlhatlhelela badiri ba lephata la bone ka tse di amang bolwetse jwa AIDS.

Rre Komane o tlhalositse fa bangwe ba sa ntse ba na le bothata jwa go ikamogela, le go tswela mo pontsheng, gore batle ba kgone go bona dithuso tsa bongaka. 

O kopile ba lephata la pereko le selegae go phuthologa fa ba bua ka tse di amang bolwetse jwa AIDS le gone go amogela ba ba amegileng, gore le bone ba tle ba ikamogele.

E rile a ema badiri ba lephata la pereko le selegae ka lefoko, modiri go tswa kwa mokgatlhong wa ‘Silence Kills’ mo Selibe Phikwe, Rre Othusitse Katlholo, a tlhalosa gore o itumetse thata go bo ba bone go le maleba go rulaganya thuto seka dipuisano ya go nna jaana, ka go supagetse fa go le gantsi dikgang tsa kgethololo di utlwala thata mo ditirong.

Rre Katlholo o tlhalositse fa diemo di tshwana le lehuma le tumelo ya Setswana ya gore monna ke selepe, e le tsone di rotloetsang kanamo ya bolwetse jwa AIDS.

O kothaditse batsena thuto se ka dipuisano go itekanya merwalo jaaka go fokotsa dikoloto, ka le tsone di ka dira gore motho a bo a ka nna le bakapelo ba feta bongwe e le go leka go thiba letlhoko le motho a tlaabong a na le lone.

Rre Katlholo o supile fa kgodiso ya ngwana le yone e ka nna le seabe mo go anamiseng mogare wa HIV. A re bana ba tshwanetse go rutwa go ikemela ka nosi, a tlhalosa gore ngwana wa mosetsana o tshwanetse go rutiwa ditiro tse di farologaneng di tshwana le go phatsa dikgong gore e re kamoso a kgone go itirela,

Fela jalo, a tlhalosa fa le ngwana wa mosimane a tshwanetse go rutiwa ditiro tse di dirwang ke ngwana wa mosetsane. 

O tlhalositse fa ngwana a ithuta thata mo go tse a di bonang ka matlho go na le tse a di utlwang, ka jalo batsadi ba tshwanetse go itshwara sentle fa pele ga bana. 

Mogakolodi go tswa kwa mokgatlhong wa Silence Kills, Mme Charity Manyepedza, o tlhalositse fa dipatlisiso di supa fa go sa ntse go na le kgethololo mo diofising ka bophara. 

A re batho ba sa ntse ba na le go anamisa seemo sa ba bangwe mo ditirong mme a tlhalosa gore ga go letlelesege, e bile motho o ka tseelwang dikgato tse di gagametseng go dira jalo.

Mme Manyepedza o gakolotse badiri go phuthologa go itekodisa bagolwane ba bone mo tirong gore motho wa go nna jalo a tle a kgone go gololesega fa a tshwanetse go ya go bona ba bongaka. 

O gakolotse badiri ba lephata la pereko fa Silence Kills e le leloko la mokgatlho wa BONELA ka jalo fa mongwe asa tseega sentle kana seemo sa gagwe sa mogare se tsuulotswe, o ka kgona go itshwaraganya le bone gore motho wa go nna jalo a tle a tseelwe dikgato tse di maleba.

Thuto seka dipuisano e, ene e tshwaretswe kwa diofising tsa pereko le selegae, kwa go neng go laleditswe maphata a tshwana le la botsogo go tla go ruta badiri ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng fa ba amilwe ke bolwetse jwa AIDS. 

Mooki go tswa kwa sepateleng se segolwane sa Selebi Phikwe Mme Ndapiwa Ngewa o tlhalositse fa bolwetse jwa AIDS bo ilelwa jaaka botsetse.

Mme Ngewa o tlhalositse fa e le ba bongaka ba rotloetsa molwetse yo o setseng a simolotse go nwa diritibatsi tsa mogare wa HIV go ikgapha mo nnotaging le gone go dirisa sekauso ka nako ya tlhakanelo dikobo. 

O tlhalositse gore fa motho a setse a simolotse go tsaya diritibatsi ga a tshwanela go di tlogela kana go di tlodisa ka gope. Mme Ngewa a re pele ba neela molwetse dipilisi ba mo ruta ka ditlamorago tsa kalafi ya tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Dithutuntsho

Date : 12 Aug 2014