Breaking News

Moagele o santse a ikaegile ka FAP

12 Aug 2014

Batswana ba tsweletse pele ka go tokofatsa matshelo le go leka go nyeletsa lehuma le ba tshelelang mo go lone ka go itirela ka diatla. Mme Hellen Moagele o supile fa a sa ntse a ikgaratlhela ka dithuso tse a di filweng ke ba FAP.

Mme Moagele o tswa kwa Makopong mo kgaolong ya Kgalagadi. O supile fa a ne a ya sekolong sa go loga kwa Mochudi Homecraft Center ka ngwaga wa 1982 a ya go ithutela tiro ya diatla teng.

A re se se mo gwetlhileng gore a tsene sekole se, ke gore o ne a lemogile fa a na le bokgoni jo bontsi fela thata le kgatlhego ya go loga. O ne a batla go ikoketsa gore a itse le go feta.

O boletse fa ka ngwaga wa 1988 a ne a thapiwa e le morotloetsi gone kwa Mochudi Home Craft Center, a ruta baithuti go loga. O ne a simolola kgwebo ya gagwe a rekisa tse a di logang mme a direla batho ba ba ikopelang fela, a sa logele go rekisa.

E ne ya re fa nako e ntse e tsamaya a tlogela tiro mme a simolola kgwebo ya gagwe ya go rekisetsa setshaba jaanong. 

O tlhalosa fa a ne a tlogela ka go loga mme a itebaganya fela le go roka ka o ne a sena madi a go reka matshine yo o logang. O boletse fa kgwebo e simologile sentle ngwaga tse thataro tse di fetileng.

 A re o ne a simolola kgwebo ya gagwe ka madi a neng a ipeela kgwedi le kgwedi fa a sena go amogela. 

Mme e ne ya re nako e ntse e tsamaya a fiwa madi a Financial African Policy a a neng a tswa kwa lephateng la temo-thuo go re ba itheekele didirisiwa tse ba di tlhokang go tsosolosa dikgwebo tsa bone. Mme Moagele a re mo bogompienong o rekisa mesangwana ya ditilo, dibeke, lebokoso la manyena le mekgabisa e mengwe ya mmele le tse dingwe fela ka go farologana. 

O supile fa a na le dikgwetlho tsa go tlhoka go rekelwa sentle le gore didirisiwa tse ba di dirisang ba di latela kgakala. A re se ke sone gape se se ba thatafaletsang go tswelela le kgwebo e, ka nako tse dingwe ba kgona go nna fela ba sena didirisiwa. 

O tlhalositse fa a thusiwa ke ba lephata la ditlhabololo tsa selegae le le tlwaelegileng ka go bitswa S & CD. Mme Moagele a re kgwedi le kgwedi ba lephata le, ba ba thusa ka go ba tsenya mo setshabeng, se e le go ngoka bareki ka go farologana gore ba kgone go rekelwa.

A re o rotloetsa Batswana gore ba simolole go itshetsa ka diatla go tokafatsa matshelo a bone. O tlhalositse fa go itirela go na le dipoelo tse di dintsi fela thata segolo jang fa o dira ka lerato, bopelotelele, le fa o dira tiro e e nang le boleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshepiso Tsietso

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 12 Aug 2014