Sakwape o ruta ka ditlhopho
12 Aug 2014
Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Bobonong, Rre Segopotso Sakwape a re molao wa tsamaiso ya ditlhopho ga o kake wa akaretsa sengwe le sengwe se batho ba se akantseng.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla mo Bobonong beke e e fitileng a ruta banni ka tsamaiso ya ditlhopho, o boletse fa setshaba se tshwanetse go itse molemo le bosula, le ka fa ba tshelang ka teng gore tsamaiso ya ditlhopho e tsamae ka thelelo.
Rre Sakwape a re ditlhopha dingwe di tshwana le bagodi, bana-le-bogole, kgotsa bomme ba ba itsholofetseng, ba tshwanetse go fiwa sebaka sa go tlhopha pele gore ba seka ba ema mo meleng nako e telele, go lebeletswe seemo sa bone, a tlhalosa fa seo se sa akaretswa mo molaong wa ditlhopho.
A re ka setho sa Setswana batho ba ba tshwanetse go fiwa sebaka ke ba ba mo meleng, mme go sena molao o o reng ba fiwe sebaka sa go ka tlhopha pele.
A re Batswana ga ba a tshwanela go latlhegelwa ke setho sa bone mme ba tshwanetse go tswelela ba isa tlotlo fa e tshwanetseng teng.
Rre Sakwape o ne a araba bangwe ba banni ba ba neng ba batla go itse gore a ga gona molao o o pateletsang gore batho bangwe ba diemo tse di rileng ba fiwe sebaka sa go tlhopha pele.
A re mme go fa batho ba go nna jalo sebaka sa go tlhopha pele go tsala maikutlo a a farologanyeng, bogolo jang mo bananeng bangwe ba ba atleng ba supe fa bas a itumedisiwe ke thulaganyong ya go nna jalo.
Le fa gontse jalo, o ne a kopa banana go leka ka bojotlhe go tshegetsa mowa wa setho.
Rre Sakwape a re kwa mafatsheng a mangwe a tshwana le a Zimbabwe bagodi, dingaka, bana-le-bogole le bomme ba ba itsholofetseng ga ba eme mo meleng mme ba fiwa sebaka sa go tlhopha pele go sa kgathalesege gore ba tsile pele kgotsa morago.
Le fa go ntse jalo o tlhaloseditse banni fa lephata la ditlhopho le dirile diphethogo mo tsamaisong ya ditlhopho go fokotsa mosuke fa go tlhophiwa.
O kaile fa maina a rulagantswe ka go latelelana, ka difane mme se, se tla thusa gore go nne bofefo go batla maina a batlhophi e bile go tla fefosa tiro ka letsatsi la ditlhopho. Lekgotla la ditlhopho gape le simolodisitse dipampitshana tse di tla thusang go tsaya dipalo fa ditalama di balwa. A re se, se tla thusa gore maduo a gololwe ka pela.
Fa ama ya mebala le dikapetlana tse di tshwantshitsweng mo dikoloing tsa bontlhopheng le diphathi, a re dikoloi tsa go nna jalo ga di letlelelwe go ema lebaka le le leele mo matlhopelong fa di tsisitse batlhophi.
A re se, se dirilwe ka gore letsatsi la ipapatso le fela bosigo mme seo se ka se letle beng ba dikoloi go kgobola mekgabisa ka e mengwe e dirilwe ke bo maitseanape fa tse di ngwe e le tsa sennela ruri.
O kopile batlhophi go ela tlhoko gore ditalama tsa ditlhopho ga di kwalwe maina a bontlhopheng mme go kwalwa a diphathi le dikano tsa tsone, a tlatsa ka gore le bontlhopheng ba baemanosi le bone ba na le dikano tsa bone.
Rre Sakwape o mo letsholong la go ruta banni ba dikgaolo tsa Bobonong le Mmadinare ka tsamaiso ya ditlhopho mme o rotloetsa banni go tlhopha ka dipalo tse dintsi ka kgwedi ya Phalane ele masome a mabedi le bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Aug 2014