Ngarange o akola lenaneo
12 Aug 2014
Lenaneo la nyeletso lehuma le setse le gorogile mo metseng ya dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo.
Mo potsolotsong bosheng, Mme Annah David wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe wa Ngarange o tlhalositse fa ba amogetse didirisiwa tse di rokang ka lenaneo la nyeletso lehuma.
Mme David o supile fa ba amogetse motshine o o rokang le sefetlha motlase sa leokwane, se se ntshang motlakaseng o ba o dirisang go roka, mme ba boa ba fiwa le dilwana kgotsa matsela a ba tla a dirisang go dira diaparo.
O supile fa ba tla itebaganya le go roka paka ya sekolo le tse dingwe fela tse di tla tlhokang thuso ya bone, mme fela o supile fa jaanong nako e ba ntseng ba e emetse e gorogile gore ba kgone go itirela ka diatla tsa bone.
Mme David o supile fa e rile ngwaga ono o simolola, ba isiwa dithutong go ya go ithutela go roka ba dirisa tsone didirisiwa tse ba di filweng, lebaka la dikgwedi tse pedi, selo se a supileng se ba kgothaditse fela thata.
A re banana go tswang mo metseng e e farologanyeng ba ne ba isiwa dithutong tseo ka lephata la boipelego go ithutela dikgwebo tse di farologanyeng.
O supile fa e rile ba fetsa dithuto tsa bone, ba solofetswa gore ba tla tsisetswa didirisiwa go simolola dikgwebo tsa bone.
Mme David o tlhalositse fa lenaneo la nyeletso lehuma le gatetse pele go thusa mongwe le mongwe le sa kgetholole ope, gape le sa thuse kwa ditoropong fela mme le setse le gorogile mo dikgaolong tsa bone tse di kgakala le ditlamelo.
Mme David o kaile fa setlhopha sa bone se agilwe ka bomme ba bararo, ka jalo a dumela gore ba tla kgona go tswelela sentle e bile go tshwaragana ga bone go ka tsisa maduo mo kgwebong ya bone.
O ne a supa fa a itumelela kitso le thuto tse a kgonneng go di anyway ka lenaneo la nyeletso lehuma, ka gore o ne a sena sepe se a ka reng o a se itse e bile a ka se dira mo botshelong, mme gompieno o itse go roka.
Mme David o rotloeditse banana botlhe ba ba neetsweng didirisiwa tseo ka lenaneo la nyeletso lehuma go tsaya tsia lenaneo leo le go dira ka natla go fedisa seemo sa letlhoko la ditiro mo lefatsheng leno.
“Lehuma ga se la go bolaiwa ke tlala fela mme fa o sa rutega, o sena kitso, ke lehuma.” Ga bua Mme David.
O ne a lebogela puso ya lefatshe la Botswana go bo e kgonne go tla ka mananeo a a ka thusang le go tlhabolola Batswana botlhe go sa lebelelwe gore ke morafe kgotsa letso lefe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 12 Aug 2014