Komiti e lwantsha borukutlhi
12 Aug 2014
Le ntswa ba sepodise ba tshwaragane le namane e tona ya go lwantsha borukutlhi, ga go lebege bo ka fela
Ka jalo banni ba kgaolo ya Borakalalo mo Molepolole ba bone go tshwanela go tlhama komiti ya bagwebi go thusa go lwantsha borukutlhi mo kgaolong eo.
Modulasetilo wa komiti eo, Rre Tikina Mahate, a re ba tlhamile komiti eo ka ngwaga wa 2012 morago ga go lemoga borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo kgaolong eo, bogolo jang mo dikgwebong ditshwana le mabenkele a dijo, diaparo le dino mme ba sa itse gore bo ka tswa bo diriwa ke bo mang.
O boletse fa beng ba dikgwebo ba ba loma tsebe go ba itsise ka borukutlhi mme ba buisane ele komiti gore badira molato ba ka tseelwa kgato efe. Rre Mahate a re morago ba rolela Ma-cluster a Borakalalo go bona gore ba ka tsibogela borokutlhi boo jang.
A re komiti e, e ba thusitse go lemoga gore babereki ba ba thapilweng ke bagwebi le bone ba na le seabe mo borukutlhing jo bo utlwalang jo, jwa dikgwebo.
A re ba lemogile seo ba sena go longwa tsebe ke mongwe wa bagwebi morago ga gore mmereki a mo udubatse mme ba kgona go bona tse dineng di utswile, b abo ba di busetsa mogwebi oo.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa mo kgaolong ya bone ba ne ba tshwenngwa ke setlhopha sengwe se ipitsa ‘Maamerika’.
Le fa go ntse jalo, bagwebi ba ne ba kgona go ba fa maina a bone, a fitisetswa kwa go ba ba sepodise sa sephiri go ba lebisa molato.
A re le fa komiti e na le dikgwetlho di tshwana le letlhoko la dipalamo tse ba di dirisang go lekola mafelo a amegang thata mo borukutlhing, ba kgonne go fokotsa borukutlhi mo kgaolong ya bone, a fa sekai ka gore borukutlhi jo bo neng bo dirwa ke setlhopha seo sa ‘Maamerika’ bo fokotsegile le gore ba dikgwebo le bone ba kgona go bontshana diphoso fa ba sa dire sentle kgotsa ba roba molao.
Le fa go ntse jalo, Rre Tikina Mahate a re ditlhotlhomiso tsa bone di supile fa banana e le bone ba di gogang kwa pele mo borukutlhing.
O supile fa bothata bo tswa mo batsading ba bone, a tlhalosa fa tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng.
O kaile fa batsadi bangwe ba itlhokomolosa ditshwanelo tsa bana ba bone.
A re batsadi bangwe ba tlhola mo majalweng ba tlogetse bana ba le nosi mme bana bone ba leke go iphataphatela, selo se a reng se felela se tsala borukutlhi.
A re ba kile ba bitsa batsadi ba bana makgetho a ka nna matlhano ga mmogo le bo mmaboipelego le ba mokgatlho wa Hope go tla go buisana ka boitshwaro le kgodiso ya bana, mme batsadi ba itlama go kgalema le go tlhokomela bana ba bone.
Rre Mahate o gakolotse dikgaolo tse dingwe tsa Molepolole go tlhama mokgatlho wa dikgwebo ka o le mosola fela thata a tlatsa ka gore, bagwebi ba nna ba ntse ba le teng mo dikgwebong tsa bone ka jalo ba kgona go bona mefuta yotlhe ya borukutlhi mme ba lome mokgatlho tsebe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Motlalepula Masuga
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 12 Aug 2014