Badiri ba aba leruo
12 Aug 2014
Badiri ba lephata la matlhoko a leruo le tsadiso kwa Bobonong ba abetse Mme Sarah Kgare wa kgotla ya Mabeleng kwa Bobonong dipodi di le lesome le bobedi ka Matlhatso.
E rile a rolela Mme Kgare mpho eo ya dipodi, moeteledipele wa lephata la matlhoko a leruo, Dr Letlhogile Modisa, a tlhalosa fa badiri ba kgaolo e ba bone go le maleba go tlhabolola botshelo jwa ga Mme Kgare ka go mo abela dipodi tse di tla mo tswelang mosola mo isagong.
Dr Modisa a re mpho eo e kgolo thata ka gobo e le pharologanyo le tse dingwe tse di atleng di fiwe batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
A re Mme Kgare o tshwanetse go dirisa lesego leo la dipodi go tsosolosa serodumo le seriti sa gagwe ka go di tlhokomela gore di mo tsalele.
A re bone e le ba lephata la matlhoko a leruo, ba tla tlhokomela dipodi tseo ka go di tlamela ka melemo le tse tshotlhe tse di tlhokegang mme a kopa bana ba ga Mme Kgare go nna le seabe mo go tlhokomeleng leruo leo.
Rre Modisa a re badiri ba maphata a ka bobedi ba ne ba kokoanya madi gore ba kgone go reka dipodi tseo le go di agela lesaka kwa masimong a Mogobe-wa-Manong, a supa fa lephata la temo thuo le lone le ne la nna le seabe se segolo mo tirong eo.
Fa a tswa la gagwe Mme Kgare, o ne a akgolela tiro e ntle, ya lerato, e e dirilweng ke badiri ba maphata ao, a supa fa mpho eo e mo fodisitse matswalo, mme a tla dira ka natla go tlhokomela dipodi tseo.
Badiri ba maphata a matlhoko a leruo le tsadiso mo Bobirwa ba ne ba itlama go direla motlhoki sengwe mme se tsamaelana le tiro ya bone, ke ka moo ba neng ba kokoanya madi go reka dipodi tseo tse di lesome le bongwe.
Ba supa fa ba kgonne go kgobokanya madi ao ka go rulaganya metshameko ya kgwele ya dinao, go rekisa dijo, gammogo le go kopa dithuso mo banning ba Bobirwa le bagwebi, go kgona go fitlhelela maikaelelo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Kabo ya dipodi
Date : 12 Aug 2014